Breaking News

Mowa boipelego konokono

10 Feb 2015

Mowa wa boipelegolego, go dira ka natla ntle le go neela tshwene marapo le go sa lebelela fela mo pusong fa go ka tseelwa kwa godimo go ka isa Batswana pele le go ba namola mo lehumeng la nta ya tlhogo.

Se se supilwe ke katlego ya ga Rre Lucus Ditsele,molemi wa merogo mo kgotleng ya Tlhomaditlhotse kwa Mahalapye.

Rre Lucas Ditsele yo o dingwaga tse di masome a marataro le borataro, ebile a itsege thata ka lena la Rra Mompoloki o sala a simolola temo ya nosetso ya merogo ka ngwaga wa 1988.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Ditsele o tlhalositse fa nako ya a simolola temo ya merogo, balemi ba merogo ba ne ba se ba ntsi mme se ya bo e le sebaka sa go ka simolola kgwebo ya motlhale o, mme e bile e le kgwetlho ka Batswana ba ne ba sa tlotla go ja le go reka merogo ya sekgowa.

O kaile fa a gwetlhilwe go simolodisa kgwebo ya mofuta o ke boitsaanape jo ene le mohumagadi wa gagwe ban eng ba tla ka jone fa ba ne ba tswa go direla mo dipolasing kwa Aforika borwa ka nako eo.

A re ba na ba simolola ka temo ya dikhabeche le ditamati, ba direla gautshwane le noka ya Mahalapye gore ba kgone go dirisa metsi a a neng a ela mo nokeng go nosetsa ka one.

“Ka nako eo re ne re lema merogo ya rona re rekisetsa batswakwa ka e ne e le bone b aba neng ba kgatlhegela merogo thata, mme e bile ka nako eo re ne re rekisa ngata ya morogo ka botlhano, mm era tswelela fela jalo ka bopelotelele,”.

Rre Ditsele are selo se se neng se ba tiisa moko le go feta ke go bob a ne bas a dire gope mme ban a le bana ba ban eng ba tshwanelwa ke go ba godisa, a tlatsa ka go tlhalosa fa mo nakong eo ba ne ba wela mo setlhopheng sa batlhoki mme ba seka ba letelela lehuma go ka ba hekeetsa ntswa ba na le mabogo a go itirela.

Are ka bane ba sena madi a go simolola kgwebo e, ba ne ba simolola ka go dira ditiro tsa nakwana tse din eng di akaretsa go tlhagola mo malwapeng mme ere bonyenyane job a bo tshwarang bar eke peo ya merogo ka mefuta ya yone.

O tsweletse ka go tlhalosa fa tiro ya temo e le tiro e e tlhokang motho yo o tlhaga gore e kgone go ntsha maduo , mme ka ene le mosadi wa gagwe ba tswa kgakala ba dira ka diatla a e ise e ba tsenye dingalo.

Rre Ditsele o tlhalositse fa kgwebo ya gagwe ene ya gola ya atlologa fa dingwaga di ntse di tswelela, a tlolela kwa moseja ga noka go thoma tshingwana teng kwa le gompieko a direlang teng.

Are o kgonne go godisa bana ba gagwe botlhe ka madi a a neng a a dira mo thekisong ya merogo ka jalo gagona ope ngwana wa gagwe yo o thusitsweng ke goromente ere lentswa a ne a le motlhoki ka a ne a itlhophela go ikapola lehuma ka go ikemela ka dinao.

Are lentswa go le jalo ka nako ya ba simolola temo ba ne bas a boloke madi, ka banka ya bone e ne e le molomo wa bana ba bone ka jalo ba ne ba berekela go jesa bana le go itlamela.

O kaile fa se se le pharologanyo mo bogompiekong ka theko e ile kwa godimo le Batswana ba tlotlile go ja merogo fa go tshwantshanngwa le pele, ka jalo a kgona go itshesa le go bolokela isago.

Rre Ditsele are kgwetlho e tona e e ba lebaneng mo kgwebong ya bone ke gore ba ikaegile ka noka ya Mahalapye go ba fa metsi a nosetso ka jalo fa noka e kgala, temo le yone e a kgaupetsega.

O kaile fa letlhoko la koloi e e ka ba isetsang morogo kwa mmarakeng le lone e le kgwetlho a tlatsa ka go tlhalosa fa mo bogompienong ba rekisa thobo ya bone mo banning ba Tlhomadithotse , ba ba tlang kwa tshimong gotla go reka, gammogo le bomme ba ba rekisang merogo kwa mmolong ba ba rekang ka dipalo ebile ka seelo se se kwa godimo ka le bone ba rekela thekiso.

O tlhalositse fa maikaelele a gagwe ele gore mo isagong fa madi a ne a le teng a atlolose kgwebo a oketse babereki.

Are keletso ya gagwe ke gore ekete e kare goromente a ntse a dira mananeo a gopole le bao ba ba nang le mowa wa boipelego ka bas a bolo go wa ba tsoga le dikgwebo tsa bone , ka jalo are fa ba ne ba ka bona thotoetso ba ne ba ka direla lefatshe leno gole gontsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Maswikila

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 10 Feb 2015