Mosadi o fitlhetswe a tlhokafetse
10 Feb 2015
Mapodisi a Masunga a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme mongwe a fitlhetsweng a rapaletse mo bodibeng jwa madi a tlhokafetse.
Go ya ka motshwarelela mookamela mapodisi a Masunga, Assistant Superintendent Thuso Basuti, tiragalo eo e diragaletse fa gare ga motse wa Matenge le noka ya Shashe.
A re mme yo, o ne a bonwa ke mongwe yo neng a begela mapodisi ka tiragalo eo ka Sontaga, mme ba fitlhela a na le dikgobalo mo tlhogong mme a ragosediwa kwa kokelong ya Masunga kwa go neng ga tlhomamisiwa fa a tlhokafetse.
Go tlhalosiwa fa mme yoo, yo o dingwaga tse di magareng ga masome a mane le botlhano le masome a matlhano, a tlholega kwa Kutamogoree mo kgaolong ya Legare.
Rre Basuti o boletse fa ba santse ba tsweletse ka ditlhotlhomiso go bona se se ka tswang se bakile leso la mme yoo, a tlhalosa fa ba ise ba tshware ope mabapi le tiragalo eo.
A re maina a moswi a santse a lobilwe go fitlhelela ba masika ba itsesiwe, fa setopo sa gagwe se le kwa setsidifatsing sa sepatela sa Masunga go tlhatlhobiwa ke dingaka. E re dikgang di eme jalo, lekgotla la Setswana la Tati Siding le pegile borre ba le bane dithupa tse tlhano mongwe le mongwe wa bone, morago ga go bonwa molato wa bogodu.
Go bolelwa fa borre bao ebong, Pekns Kwarire wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa,Jimy Kwarire wa dingwaga tse di masome a mabedi le borataro, Jimy Elias wa dingwaga tse masome a mararo le boferabongwe mme a direla mo koneng ya China Railways le Elijah Ndipange wa dingwaga tse di masome a mabedi le boferabobedi le ene e le modiri wa kompone eo, ba ne ba utswa lookwane la diesel la 800 litres mo metshining ya komponeng ya China Railways e e dirang tsela ya Francistown/Tonota.
Go ya ka bosupi jo bo beilweng lekgotla pele, borre bao ba ne ba bonwa ke bangwe ba ba neng ba feta mo tseleng ba ntsha leokwane mo metshining ba tshela mo dikopong kgwedi eno e le boferabobedi, mme ba loma mapodise tsebe.
Mapodise a ne a ya kwa lefelong leo mme ba fitlhela borre bao ba santse ba tshotse leokwane leo.
Tsheko eo, e ne e le fa pele ga ga kgosi Simon Nkgageng wa Tati Siding yo neng a kopa gore mokgwa wa go utswa le go senyetsa bangwe o emisiwe ka ponyo ya leitlho ka o ka felela o diga itsholelo ya lefatshe leno. Lekgotla le ne la laola gore lookwane leo le busediwe kompone eo.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Masunga
Event : Potsolotso
Date : 10 Feb 2015






