Breaking News

Dintsa di tlhorontsha barui

10 Feb 2015

Barui mo Hukuntsi ba lela sa khuranyo ya meno ka dintsa tse di tlhasetseng leruo bogolo jang dipudi. Barui ba re dintsa tsa mothale o dingwe tsa tsone di nna mo nageng mme e re dipudi di le ko phulong di di tlhasele mme di di bolae.

Ba re se se ngopolang pelo ke gore dintsa tse di latela dipudi le mo masakeng bosigo go robetswe mme di tsenelele dipudi gammogo le dinku mo masakeng di di bolae.

Ba re sebe sa phiri ke gore dintsa tse lefa di go senyeditse beng ba tsone ba tshabelelwa ke go di itatola mme se e nne poelo morago ka lefa o ka bolaya ntsa ya teng go tlhoka mosola ka e a bo e go senyeditse.

Mongwe wa ba ba wetsweng ke seru bosheng Chistas Letlotlo a re mo bekeng e e fitileng dintsa di ne tsa tlhasela dipudi tsa gagwe dile mo lesakeng mme tsa bolaya dipudi dile thata, tsa gobatsa di le nne . A re morago ga tiragalo e o ne a hudusetsa tse di setseng mo jarateng e a nnang mo go yone.

A re o lekile go tsaya dintsa tseo ka motlhala ka tumelo ya gore motlhala wa tsone o tla mo gorotsha kwa go beng ba tsone mme maiteko a gagwe a itaya se fololetse ka motlhala wa tsone o ne wa ya le naga.

O supile fa seo se mo lemotshitse fa dintsa tse di nna fela mo nageng mme di tshela ka go tsoma dipudi.

Rre Ompatile Moswang (morui) a re dintsa tsa mohuta o, tse a tlhalositseng fa di sa tlhokomelwe ke beng ba tsone di tlhakanye le dibatana di akaretsa bo phokoje mo go bolaeng leruo le a reng ke lone le ba itsheegile thata ka lone.

O tlhalositse fa dintsa tse di ba okeletsa lehuma ebile di tla a ba sia ba iphotlhere.A re ngogola di ne tsa tlhasela tsa bo tsa bolaya dihutshane tsa gagwe di le lesome(10) mme tsa gobatsa di le nne(4).

A re fa e sale tiragalo eo o bonye go le botlhokwa e bile go ka motswa thuso go golegela nngwe ya dintsa tsa gagwe fa lesakeng la dipodi gore e re fa di ka mo tshoganyetsa bosigo di tshabe ntsa eo le gore e mo tsose bosigo fa di tlhasetse.

Rre Ompatile a re lefa go ntse jalo leano la gagwe le mmerekela bosigo fela mme motshegare fa dipudi di ile phulong di tlhaselwa ke dintsa gammogo le bo phokoje.

A re go utlwisa botlhoko ka fa dibatana di go senyeditse di tshwana bo phokoje go sena thuso epe e motho a e bonang go ba lephata la diphologolo le Bojanala ntshwa ele bone ba ba tlhokometseng diphologolo.

Le fa go ntse jalo Rre Ompatile o kopile beng ba dintsa go di golega go itsa diphapang fa gare ga bone,o bile gape a gakolola barui go ikgapha mo go diriseng ditlhobolo fa gare ga motse ba re ba bolaya dintsa tse di ba tlhorontshang ka go ka baya matshelo a batho mo diphatseng.

BOKHUTLO

 

 

 

 

 

 

Source : BOPA

Author : Gontse Mokgethisi

Location : Hukuntsi

Event : Potsolotso

Date : 10 Feb 2015