Breaking News

Dikereke tsa semoya di rotloediwa go tsenya letsogo

10 Feb 2015

Tautona wa lekgotla la dikereke tsa semoya la Organization of African Instituted Churches (OAIC), Bishop Tebogo Motlhagodi o kgothaditse maloko a lekgotla le go thusa go tlhabolola lefatshe.

Bishop Motlhagodi, yo o lebogeleng maiteko a Tautona wa lefatshe leno a go ogola Batswana mo lehumeng, a re dikereke le tsone di tshwanetse go nna le seabe go fokotsa letlhoko la ditiro le le kwa godimo.

Bishop Motlhagodi yo a neng a bua kwa phuthegong ya go tisa morero kwa malokong a lekgotla le,ka matlhatso kwa kerekeng ya Tshenolo Apostolic church kwa Serowe a re dikereke di tshwanetse nna le mananeo a a itebagantseng le fo fokotsa manokonoko a lehuma go thusa bogolo jang banana.

“Re na le tshimo kwa Matshelagabedi re tshwanetse ra e dirisa go dira ditiro” a tlhalosa

Tautona wa lekgotla leo o ne a tlhalosa fa dikereke tsa semoya di nyadiwa a re se se dirwa ke gore bangwe ba dikereke tseo ba dira ditiro tse di sokameng.

O ne a gakolola phuthego gore dikereke di romilwe go tisa poloko mo bathong ebile fa ba ba leba,ba bona sefathego sa modimo le gone go nna tsholofelo.

A re ditiro tsa bone di tshwanetse tsa itumedisa yoo o ba rumileng ‘ebong Jeso keresete.’

Bishop Motlhagodi yo o supileng gore mo pusong ya ga Mmamosadinyana dikereke tsa semoya dine di kgorelediwa go rapela, mme tsa gololesega morago ga boipuso o supile matshenyego ago tlhoka go gola ga kereke tseo.

A re dintwa mo dikerekeng di baya lekgotla ka fa mosing ebileng lekgotla le tsaya nako e ntsi le leka go letanya phuthego gona le go thabolola dikereke.

Bishop Motlhagodi o kaele gore go nna le maloko ale lekgolo le masome a mathano (150) a dikereke mo lekgotleng la OAIC a re go supa gore ba lebanwe ke namane e tona ya go oketsa maloko a bone.

O ne a kopa phuthego go tsaya boikarabelo jwa go thusa baruti ba bone , a tlatsa ka gore ga go thona gore ba ka ba rekela koloi gore a kgone go dira ditiro tsa kereke.

Bishop Motlhagodi o ne a kopa phuthego go aga lekgotla OAIC mmogo , a tlatsa ka gore fa bomme ba neetse boikarabelo kgotsa maemo ba emiwe nokeng gona le go dira gore ba palelwe.

Phuthego ene ya rolelwa molao motheo wa lekgotla leo.

Rev Thomas Letshweti wa kereke ya St john’s Apostolic church of prophecy a re go nna le molao motheo ga lekgotla le go raya gore dikere tse eleng maloko ba o sale morago.

Motiakone wa kereke ya Eloyi Christian church, Mme Iren Kabomo le ene one a supa fa molao motheo ele yone tsamaiso ya kereke tsa bone ka jalo o tshwanetswe wa salwa morago.

Gotswa ka ngwaga wa 1964,kereke tsa semonya mo Botswana dine di diresa lekgotla la OAIC le le itebabantseng le borwa jwa Afririca ka bophara go fithelela ba dira oo itebagantseng le kereke tsa semoya Botswana ngwaga wa 2013, ka Phukwi

Mo go tse dingwe, Bishop Motlhagodi o ne a tlhalosa fa ba tla keteka letsatsi la lekgotla leo ka 30 Motsheganong kwa Palapye.

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : Serowe

Event : Phuthego

Date : 10 Feb 2015