Emang barutabana nokeng
10 Feb 2015
Mothusa kgosi kgolo wa Batlokwa ,Kgosi Michael Gaborone, o gakolotse batsadi go thusa barutabana le go tshwaraganela thuto ya bana ba bone le bone.
Kgosi Gaborone o boletse se ka Matlhatso mo thuto seka dipuisanyong ya batsadi le barutabana ko sekoleng se segolwane sa Nanogang e eneng e tseneletswe ke batsadi le barutabana e moono wa yone o neng ore, “karolo ya motsadi mo thutong ya ngwana; go gatela pele (mile stone) mo go tleng ka maduo a a siameng mo thutong”.
Kgosi Gaborone o tlhaloseditse bokopano joo fa le bogosi bo tsaya karolo mogo thuseng bana le go ba gakolola go tlotla batsadi ba bone, a re ga go a tshwanela gore batsadi ba ikgatolose bana ba bone ka e le bone ba nnang le bone ka nako tsotlhe ebile ba ba itse botoka.
Kgosi o boletse fa go le botlhokwa gore botlhe ba tseye karolo le go emana nokeng mo kgodisong le thuto ya bana gore go nne le maduo a a nametsang, a tlatsa ka go gakolola batsadi go rotloetsa bana fa ba tsena ko lapeng ba tswa sekoleng go bona gore a ba dirile tiro ya bone ya sekole lego leba dibuka tsa bana fa ba tswa sekoleng.
Fa a buwa ka maikaelelo a letsatsi leo Morutabana mo sekolong seo Mme Obonetse Masalila o tlhalositse fa bokopano joo bo rulagantswe go tsibosa batsadi ka dikgang tse di amang bana, nnotagi, tiriso ya diritibatsi le bojwalwa, go ruta batsadi ka botlhokwa jwa go tlhokomela bana kwa lwapeng.
Mme Masalila o tsweletse a tlhalosa fa maikaelelo a bokopano joo e ne e le go lemotsha, go ruta batsadi ditlamorago tsa go sa tlhokomeleng baithuti le go ba ikgatolosa, le go ruta batsadi ka botlhokwa jwa bone mo thutong ya bana ba bone, ga mmogo le go ruta batsadi seabe sa bone le tiro ya bone mo thutong le kgodiso ya bana le matshelo a bana ka kakaretso.
O boletse fa thuto seka dipuisanyo eo e atlegile fela thata ka batsadi ba tsibogetse pitso eo ka dipalo tse di kwa godimo abo a ba akgola go tswelela ba dira jalo, a tlatsa fa ba lemogile ele barutabana ba ka se kgone bana ba le nosi kwa ntleng ga batsadi ba tsaya karolo.
A re ga gona jaaka ba ka kgona tsotlhe go sena batsadi ba bana ka gore batsaya karolo botlhe mo thutong ya ngwana ba tshwanetse go ema ka dinao, a tlatsa ka gore thulaganyo eo e nna ngwaga le ngwaga mme e rulagantswe ke bogogi jwa sekole e eteletswe ke ba lephata la baithuti la bokaedi le bogakolodi e le tsela gape ya go ruta batsadi go itse go tshwara lego tlhokomela bana kwa lapeng.
Go tswa mo lephateng la bokaedi le bogakolodi mo sekoleng seo morutabana Mme Botlhale Mogotsi o boletse fa go le botlhokwa go tlhatlhelela batsatsi ka botsipa jwa go tlhokomela baithuti ga mmogo le go lere botlhe ba ba amegang mo thutong ya ngwana mmogo le go buisana ka dikgwetlho tse di teng le go tla ka ditharabololo tsa tsone.
Mme Mogotsi o gakolotse batsadi fa gole botlhokwa go thusana ka kgodiso ya ngwana lego mo thusa gore o ka ithuta jang botoka, a re ke sone se ba berekang le komiti ya batsadi le barutabana ka nako tsotlhe ka ele bone boemedi jwa batsadi.
Mme Mogotsi o boletse fa thuto seka dipuisanyo eo e thusa batsadi ba ba nnang ba lela ka bana ba bone ba ba tlhokang tsebe le go fetola maitsholo a bone bogolo jang fa ba setse ba dira lokwalo la boraro, a re bana ga ba reetse batsadi ba itaola mme batsadi ba aga ba tla go lelela mogo bone ele barutabana.
Mookamedi wa lephata la ba boipelego Rre Kgomotso Jongman o ile a ruta batsadi ka setlhogo se se reng botlhokwa jwa motsadi le kgolo ya ngwana, Fa Mogolwane wa sekole Mme Baitse Kebobone a ile a ruta ka setlhogo sa botlhokwa jwa seabe sa batsadi mo thutong ya ngwana.
Rre Mothei Sejakgomo yo ikileng a nna motshwariwa kwa kgolegoleng o rutile batsadi ka fa motho a golang mo botselong jwa borukhutlhi le go arogana le bone ka botshelo jwa kwa kgolegolong le gore gantsi fa ba gololwa go nna dingalo gore setshaba se ba amogele gape le go lemoga gore ba fetogile.
Mogakolodi wa tsa semowa (Spiritual mentor) Mme Kushata Woto o ile a ruta batsadi ka setlhogo se se reng botlhokwa jwa go ruta bana ka tsa semowa mo kgolong ya bone.
Batsadi ba ile ba nna le sebaka se go botsa dipotso le gone go akgela mogo se ba rutilweng ka sone le go ntsha itemogelo ya bone mo go godiseng bana.Letsatsi leo lene la natefisiwa ka moopelo ke khwaere ya sekole.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Letshelaphala
Location : Gaborone
Event : Thuto seka puisanyo
Date : 10 Feb 2015






