Ba tlhoma lekalana la kereke
09 Feb 2015
Ba kereke ya Faith Gospel After Christ, ba ne ba tlhoma semmuso lekalana la kereke eo kwa Tlokweng ka Tshipi, morago ga go lemoga fa maloko a bone a a tswang kwa motseng oo a le mantsi.
Erile a a fa tekodiso, moruti Mareko Mokibise, a tlhalosa fa tota lekalana leo le simolotse kwa motseng wa Tlokweng ka ngwaga wa 2012, morago ga go lekodisana le bao ba ba tshwanetseng.
Moruti Mokibisi o tlhalositse fa ba thusitswe ke ba lekalana la Mogoditshane go kgona go tlhoma lekalana le, a tlhalosa fa e ne ekete ba tla a gogagogana le ba lekalana la Old Naledi, mme se ga se a ka sa thuba kereke.
Moruti o tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go okela banana mo Modimong, ba ba ntsha mo mekgwatheng, a bolela fa banana ba dira dilo tse di sa siamang ka ntlha ya go tlhoka kitso.
Mothusa molaodi wa Tlokweng Rre Patrick Tlotleng, o ne a lebogela gore kereke eo ke kereke e tona ebile e na le dingwaga e ntse e le teng, a bolela fa e simolotse ka ngwaga wa 1949, ke sone se e kgonang gore e na le dikgogakgogano e bo e di rarabolola, go na le go ingaola ba ya go itlhamela kereke e sele.
Le fa go ntse jalo o supile fa ba bogosi jwa Batlokwa, ba sa robadiwe ke dikereke dingwe tse di rapelelang kwa thabeng kana mo sekgweng mme ba tlogele leswe la bone koo, a supa fa seo se sa amogelesege ka e le go leswafatsa tikologo.
Rre Tlotleng o supile fa tiro ya kereke e le go tlisa boleng mo setshabeng, a bo a lebogela kereke eo gore ngwaga le ngwaga e abela ba Masiela Trust Fund madi.
O lebogetse gape gore kereke eo e tletse banana, a bo a ba kopa go tswela kwa ntle go rerela setshaba lefoko la Modimo.
Rre Tlotleng o supile gape fa moopelo wa kereke ya FGAC o le monate fela thata, a supa fa ba ka o dirisa go gogela banana mo lefokong la Modimo. O supile fa go obamelela mo malwepeng ga dikereke le gone go tshwenya, ka jaana go kgoreletsa baagisanyi go itheetsa le go iketla mo malwapeng a bone, a bo a gakolola maloko a kereke eo go tlotla nako e ba obamelang ka yone, gore ba heme kgotlhang.
Mothusa Kgosi ya Batlokwa Michael Gaborone, o ne a kopa maloko a kereke ya FGAC go seke ba kgaoganngwa ka maemo.
O ne a supa fa Batswana ba itetleletse gore batswakwa ba tsene fa gare ga bone, ba itira jaaka ekete ke bone ba ba itseng Modimo go ba gaisa, le gone go itira jaaka ekete ba itse go tshwara basadi le banna go ba gaisa, mme dilo tse gape ga ba batle di buiwa.
Kgosi o supile gape fa go na le dilo tse di diragalang tse di hakgamatsang, a supa fa o kgona go bona koko e apesitswe dibaga mo molaleng, le megala ya dikereke e gokeletswe mo ditlhareng.
O kopile bagolwane ba kereke go lemotsha bana ba kereke fa ba dira sentle le gone go ntsha dipego tsa madi a kereke, a supa madi a na le seabe mo go thubegeng ga dikereke.
Mo go tse dingwe kgosi o ba kopile go se rekise lefatshe, mme ba le somarelele bana ba bone, ka go a bonala ba tla a tlhoka kwa ba nnang teng mo nakong e tlang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Go tlhongwa semmuso ga kereke
Date : 09 Feb 2015






