Go itlhatlhoba go botlhokwa
09 Feb 2015
Morago ga go lemoga fa bomme ba ba itsholofetseng ba le maoto a tshupa go itlhathobela bolwetsi jwa segajaja ba lephata la District Health Management Team mo Bobonong ba ne ba tshwara dithuto-puisano le baagi ba Mathathane go ba lemosa ka botlhokwa jwa go itlhatlhoba.
Fa a bua kwa thuto-puisanong eo bosheng, mogolwane mo lekalaneng la District Health Management Team mo Bobonong Rre Mompati Marole o supile fa motse wa Mathathane o amilwe thata ke bolwetsi jwa segajaja ka o bapile le toropo ya Selibi Phikwe e e amilweng thata ke bolwetsi joo.
Rre Marole o supile fa maikaelelo a thuto-puisano eo e le go rotoetsa baagi ba kgaolo eo segolojang bomme ba ba itsholofetseng go tsenelela lenaneo la thibelo mogare go tswa kwa go mma ngwana go ya kwa leseeng le le tlwaelesegileng ka (PMTCT) Prevention from Mother to Child Transmission.
O tlhalositse fa dipalo tsa boimana mo kgaolong eo di ile kwa godimo mme a supa fa boimana jwa kgapetsakgapetsa bo ka dira gore bomme ba ba itsholofetseng ba fitlhelwe ka mogare.
O kaile fa go itlhalhobela mogare go ka dira gore bomme ba ba itsholefetseng ba belege masea a a senang mogare.
A re go belega masea a a senang mogare go ka dira gore mo isagong lefatshe la Botswana le fitlhelwe le na le tshaba e e senang mogare e bile e babalesegile.
Rre Marole o gakolotse bomme go sala morago ditaelo tsa ba bongaka morago fa ba sena go itlhatlhobela mogare.
O kaile fa ba botsogo ba dirile maiteko a go abela bomme ba batsetsi ba ba nang le mogare mashi a masea.
Rre Marole o tlhalositse fa ditagi di tshwana bojalwa di dira gore dipalo tsa batho ba ba nang le mogare di oketsege ka jalo o kopile baagi ba kgaolo eo segolojang ba ba dirisang diribatsi tsa mogare go ikgapa mo bojalweng.
O rotoeditse borre go dirisa mananeo a botsogo jaaka la go kgaola letlalo la bonna mo go babalesegileng a ba a ba kopa go fetola boitswaro jwa bone go itsa go anama ga mogare. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : BOBONONG
Event : Thuto-puisano
Date : 09 Feb 2015






