Breaking News

Tomagano e aga motse

09 Feb 2015

Tomagano ya boeteledipele jwa motse e botlhokwa  mo go  tsiseng ditlhabololo le go aga morafe.

Mafoko a, a boletswe ke Kgosi Puso mo phuthegongya ntlha ya ngwaga, ya go tla go rolela morafe lenaneo le ba yang go dira ka lone le go amogela mopalamente le makhanselara a masha.

O boletse gape fa a ikaelela go kopana le baeteledipele ba motse ka go farologana jaaka baruti, banana, bomme le ba bangwe, gore ba tle ba buisane  ka go bereka mmogo.                                                                                                                                          

Kgosi Puso o tlhalositse fa a fokoditse diphuthego tsa gagwe tsa kgotla, go fa sebaka bao ba ba tlaa eletsang go tshwara diphuthego kwamotseng  oo.

O boletse fa ba tlaa ipelela thobo le go leboga Ramasedi, kgwedi ya Moranang e le lesome le bongwe, a supa  fa letsatsi leo gape e tla a bo e le go fa balemi sebaka sa go rekisa thobo ya bone. Kgosi o boletse fa ba lemogile gore kgwedi ya Phatwe dijo dingwe di a bo di senyegetse mo masimong jaaka magapu.

O tlhalositse fa gape ba tla a tshwara letsatsi la ngwao kgwedi ya Phatwe e le lesome le botlhano, mme jaaka gale ba tlaa direla bagolo dijo tsa motshegare kgwedi ya Lwetse e le lesome le   bobedi.    

Kgosi Puso o supile fa monongwaga a tlaa tshwara   diphuthego tsa dikgotlana mo kgotlaneng ya Tlhakong le Magwadi.

O tlhalositse gape gore ba tlaa tswalela ditsheko kgwedi ya Ngwanatsele e le masome a   mabedi, a bolela fa se se ba thusa go kgarametsa tse di neng di ntse   di le  teng.

O ne a kopa morafe  wa gagwe go tsena letsatsi la botsogo le le tlaa tshwarwang ke ba sekolo sa IHS kwa kgotleng kgolo ka Labotlhano kgwedi ya Tlhakole e le lesome le   boraro.

O supile fa keletso ya gagwe e le go etelela morafe o o itekanetseng pele, a bo a rotloetsa batho go   yago itlhatlhobela malwetse a a farologanyeng ka letsatsi leo.

Erile a ntsha la gagwe mopalamente wa Tlokweng mme Same Bathobakae a leboga botlhe ba ba tsereng karolo mo ditlhophong  tse di  fetileng,   a   supa fa badiragaditse tshwanelo   yabone.

O ne a kopa Batlokwa gobereka le ene sentle, le gore   ba seka ba tshaba go mo gakolola   fa   ba bona a tswa mo tseleng.

O tlhalositse fa puso e tsere   tshwetso ya gore bana ba seka ba ganelwa ka ditlankana fa ba  ba  kolota kwa  dikoleng,  mme  batsadi  ba ye go itlama  gore  ba  tlaa  dira  jang gore sekoloto seo se duelwe.

Mme Bathobakae a re puso e ntshitse lekgetho mo dijong di tshwana le borotho  jwa  ranthasi, setampa le raese.

O boletse gape fa e ntshitse lekgetho mo diterekereng le digogi tse dingwe tsa temo  Mopalamente o supile fa puso e ntshitse molao kakanyetso wa  gore kereke e seka ya kwadisiwa  ka maloko a le lesome, mme e kwadisiwe ka maloko a le  makgolo  a  mabedi  le  masome  a  matlhano.

Rre Monty e ne ya re  a  tswa  la  gagwe, a bolela fa ba tlhophile mopalamente   ka  tshepho ya  gore  o tlaa bereka le bone sentle, a bo a mo leboga gore o dirile ditso tsa  go nna mopalamente wa ntlha wa mosadi mo kgaolong ya bone.

O mo kopile go buisana le setshaba pele ga a ya palamenteng, a bo a supa fa se se tona se ba se batlang e le ditlhabololo.

Batlokwa ba ne ba farologana   ka palo ya maloko a kereke gore a nne kae, bangwe ba re a nne makgolo  a matlhano, bangwe ba re sekete  fa ba bangwe ba dumalana le palo e  e akantsweng.

Le fa go ntse jalo bangwe ba re ba  tshwenngwa ke gore letamo la Gaborone le a kgala, mme go supagala fa batho bangwe ba dirile   matamo a  ba dumelang e le one a   kganelang metsi go tsena mo go  lone.

O supile fa  e le nnete batho bangwe ba dirile matamo a feta makgolo a mabedi mo molapong wa Notwane. 

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : TLOKWENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 09 Feb 2015