Kgoroba ga a dumalane le go fetisiwa ga baithuti
09 Feb 2015
Mopalamente wa Mogoditshane, Rre Sedirwa Kgoroba a re o tshwenyegile ka lenaneo la go fetisetsa bana ko dikolong tse dikgolwane, go tswa lekwalong la bosupa ba ya kwa mophatong wa bongwe lefa ba fetsa mophato wa boraro ba ya kwa go wa bone, ntswa ba sa pasa sentle.
O buile jalo mo phuthegong ya kgotla ko kgotleng ya goo-Khunou ko Mogoditshane O ne a re se ke go fa bana tsholofelo e e ka sekang ya diragala ka gore se ga se reye gore ekare ko sekolong se segolwane ba pasa.
Mopalamente Kgoroba a re go utlwisa botlhoko gore batsadi ba godisa bana ba ba otla gore ere ba gola ba ba tlhokomele fa bone ba setse ba tsofetse mme ka bomadi mabe ke gore bana ba felela mo dithutong tse di ko tlase ba bo ba sa atlege mo botshelong ba tswelela ba ntse ba tlhokomelwa ke batsadi.
O ne a gwetlha batsadi go nna le seabe mo thutong ya bana ba bone, ka go ba thusa tiro ya sekole le go fokotsa go ba roma ka malatsi a sekolo gore ba seka ba kgoreletsega mo dithutong tsa bone.
Mopalamente Kgoroba o ne gape a kopa gore thuto ya bana e thusanngwe, ba ba setseng ba feditse sekolo e bile ba na le bokgoni mo dithutong ka go farologana, ba ithaope mme go nne le lenaneo le ba rutuntshang ba ba santseng ba le mo dikolong.
E re ka gotwe mokodue, go tsosiwa o o itekang mopalamente o ne a kopa batsadi gore ba ka koleka madi a a tlaa atswang barutabana ba ba ithaopileng go thusa bana ka dithuto ka nako ya fa gose sekole.
O ne gape a tlhalosa ka lenaneo la go boela sekolong ke ba ba paletsweng ke dithuto, kgotsa ba reteletswe ke go tswelela ka mabaka mangwe. O ne a rotloetsa setshaba go innaakanya le lenaneo le, jalo ba ba abetsweng talente ba e dirise ka go ka ba tshetsa, a a fa sekai ka Rametlae-Dignash, Michael Morapedi gore o duelelwa go buwa metlae.
E rile a a kgwa mopalamete dikgaba, mongwe wa batsenelela phuthego Rre Kakanyo Molebatsi a tshwaela gore go tlhokega gore go agiwe ntlo ya motlobo wa dikbuka, e le lefelo le bana ba ka le dirisang go bala.
Motlotlegi Kgoroba o ne a araba ka gore motlobo wa dibuka o tlaa rulaganyediwa fa go sena go wediwa kago ya matlwana a borutelo go oketsa a a leng teng. O ne gape a itsise setshaba fa go rulaganyediwa go aga sekolo se sebotlana sa botlhano mo motseng wa bone.
Mopalamente o ne a wetsa ka go solofetsa setshaba gore e tlaare ko palamenteng a hetise tshutiso ya gore bana ba boelele mophato fa ba sa o pasa sentle. O buile gore o ikaelelela go tlogelelela bana boswa ja thuto e e faphegileng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thandie Keitumetse
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 09 Feb 2015






