Botsogo ga se jwa mmele fela
09 Feb 2015
Moruti wa kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) kwa Palapye, Reverend Khutsafalo Magosi, a re botsogo jo bo siameng bo akaretsa botsogo jwa mmele, tlhaloganyo le maikutlo a motho.
Fa a bua kwa letsatsing la dithuto seka dipuisanyo ka tsa botsogo le le neng le rulagantswe ke ba sekole sa Moeng College bosheng, Reverend Magosi o boletse fa gangwe le gape fa go buiwa ka botsogo jwa motho go bo go tlogelwa kwa ntle botsogo jwa tlhaloganyo le maikutlo.
A re go botlhokwa thata gore e re go twe motho o a tsoga go bo go lebilwe gore tlhaloganyo le maikutlo a gagwe di iketlile ebile di mo seemong se se siameng. A re tlhaloganyo le maikutlo ke tsone mmangmang ebile ke tsone tse di ka letlang motho go ntsha maduo mo tirong. Reverend Magosi a re fa maikutlo, tlhaloganyo le mmele di tsogile sentle mmereki ga a na go nna a ikopetse ruri mo tirong mme o tla a remelela mo go ntsheng maduo.
O ne a rotloetsa boeteledipele jwa sekole se segolwane sa Moeng College go tshwara thuto seka dipuisanyo ka tsa botsogo kgapetsakgapetsa gore badiri ba kgone go itlhatlhoba malwetsi a a farologaneng le go ithuta ka tse di amang botsogo jwa bone.
Reverend Magosi a re motho o tshwanelwa ke go tlhokomela mmele wa gagwe ka go ja dijo tse di siametseng mmele di tshwana le dijo tse di senang mafura a mantsi, dijo tse di senang letswai le lentsi go fema malwetsi a tshwana le jwa madi a a kwa godimo. Mo go tse dingwe Reverend Magosi o ne a re batho ba tshwanetse go ikanya lefoko la Modimo ka e le lone le le ka agang tlhaloganyo le maikutlo. A re motho ke sebopiwa sa Modimo ebile o tshwanelwa ke go tshela botshelo jo bo phepa gore a lelafatshe botshelo jwa gagwe.
Morutabana wa dithuto tsa kapei kwa sekoleng sa Moeng College Mme Peloewetse Garegope o ne a rotloetsa badiri ka ene go ja dijo tse di nang le tsotlhe tse di tlhokafalang. A re ba tshwanelwa ke go ja dijo tse di senang sukiri e ntsi kana di sena sukiri gotlhelele go nna le botsogo jo bo siameng.
O tsweletse a re mmele o motona ga o a siamela botsogo jwa motho ka jalo ba tshwanelwa ke go fokotsa mebele ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Dithuto-puisanyo
Date : 09 Feb 2015






