Sekole sa Gxhabara se ipelela keresemose morago
09 Feb 2015
Sekolo se sebotlana sa Gxhabara kwa Maun se ne se ipelela moletlo wa keresemose bosheng entswa e sa bolo go feta. Sekole se na le baithuti ba ba s tlhokileng lesego mo botshelong.
Barulaganyi ba tlhalositse fa ba ne ba tlhoka go dira moletlo oo ka kgwedi ya Sedimontlhole ka letsatsi la keresemose ka mabaka a gore dikolo di ne di tswetse gape ba emetse madi go tswa barotloetsing.
Morutabana wa tsa bokaedi, Mme Tlotlego Sephunya o ne a supa fa moletlo wa go nna jalo o le botlhokwa ka o tlisa boitumelo mo baneng bao.
Mme Sephunya o ne a re maikaelelo a bone ele barutabana ba tshwaraganye le batsadi e le go godisa bana bao sentle ka bangwe ba bone ba senang batsadi, le go ba rotloetsa gore ba ithute that aba tsoge ba le bangwe mo sechabeng.
Moletlo oo o ne o rotloeditswe ka madi a a kanang ka P12 000 mme ban aba ba tlhokileng lesego b aba tshwarang palo ya lekgolo ba abelwa dimpho tse di akaretseng di dirisiwa tsa go tlhapa.
E rile a bua kwa moletlong oo, moemedi wa barotloetsi rre Bapadile Kamanakao yo o berekang kwa komponing ya Wilderness a tlhalosa fa moletlo oo o diretswe gore ban aba ba tlhokileng lesego ba bone fa ba amogelesega mo sechabeng.Rre Kamakao o ne gape a gwetlha batlhokomedi ba bana bao gore b aba fe lorato, b aba thuse le tiro ya sekolo.
Mo go tse dingwe rre Kamakao o ne a rotloetse ban aba Gxhabara go ithuta ka tshomarelo diphologolo ka e le botlhokwa.
O ne a re ba ditirelo tsa Bojanala ka go farologana ba hira Batswana b aka tshwara masome a mane le botlhano (45%).
Ka jalo rre Kamanakao o ne a supa fa go ngomola pelo go bo batho ka bontsi ba inaakantse le bogodu jwa diphologolo tsa naga, mo a reng go ama ditiro tsa Bojanala, mme o ne a leboga Tautona wa lefatshe leno ka a le kgatlhanong le go utswa le go bolaya diphologolo tsa naga setlhogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : Moletlo wa sekolo wa keresemose
Date : 09 Feb 2015






