Ba kopiwa go tokafatsa ditshupo tsa Serowe
09 Feb 2015
Ba tsaya karolo botlhe ba ba amegang ba gakolotswe go tsenya letsogo mo go tokafatseng seemo sa ditshupo tsa Serowe District tse seemo sa teng se sa itumediseng.
Mafoko a, a builwe ke modulasetilo wa komiti ya Serowe District Trade Fair and Exhibition, Rre Boyce Sekgoma, mo phutlhegong e ba komiti baneng ba e rulagantse gotla go lekodisa ba tsaya karolo ka seemo sa ditshupo le go ipaakanyetsa ditshupo tse di tlang.
A re ditshupo tsa kgaolo ya Serowe di lathegetswe ke serodumo se se neng se twaelesegile pele, le boleng ja tsone bo ile tlase mo a reng go baka gore bagwebi ba goge dinao go tsenelela ditshupo ka di sa tlhole di ngoka le setshaba tota.
Rre Sekgoma o tlhalositse fa seemo se, se bakiwa ke go tlhoka komiti e lomaganeng ele ya sennela ruri, a tlhalosa fa komiti e bopilwe ke maloko a eleng baitlhaopi.
O tlhalositse fa go tiro ya boithaopo go se motlhofo, ka jaana nako tse dingwe baithaopi ba bangwe ba kgona go seke go bonala ka nako ya fa ba tlhokafala.
A re moithaopi o tshwanetse gonna le mowa wa boineelo gore a kgone se a batlang go se fitlhelela.
A re moono mogolo wa phutlhego e, ke gotla go itsise batsaya karolo botlhe ka ditshupo tsa monongwaga, tsa a reng dia go tshwara ka kgwedi ya Phukwi e tlhola masome a mabedi le bobedi go fitlhelela masome a mabedi le borataro (july 22-26) ko lebaleng la ditshupo.
O tlhalositse fa mo ditshupog tsa mono ngwaga bana ba taabo ba tsena mahala, a re ke ntha nngwe ya bone ya go rotloetsa thuto, gore bana ba tle ka bontsi ba tle go ithuta ka disupiwa le ditiragalo tsothe tse di taabong di diragala ka ditshupo.
Rre Sekgoma a re mosola wa ditshupo tse, ke go bapatsa mmaraka wa Serowe District gore o kgone go ngoka bagwebi le bajanala ba ba ka tisang ditlhabololo.
A re ditshupo di ya go tiisa (branding) ya kgaolo gore e kgone go ithaola mo dikgaolong tse dingwe, di dira gore kgaolo e bonale e itsege le ko bokgakaleg tota.
A re ditshupo tse di mosola thata ka di fa botlhe ba ba isang ditirelo ko setshabeng jaaka bagwebi, balemi-barui, bagwebi ba banana, maphata a ikemetseng ka nosi sebaka sa go supa ditirelo tsa bone ko setshabeng.
Rre Sekgoma o tsweletse a tlhalosa fa go taabo gona le (exhibitions) ka jalo ele ba komiti ya ditshupo ba tshwanetse go dira ka natla go ngoka bagwebi fela botlhe mo kgaolong ba ba ka tisang pharologanyo.
A re ba solofetse go ngoka bagwebi ba ba tswang kontle ga lefatshe, a re gotla fa bagwebi botlhe ba mono gae le ba mafatshe a sele sebaka sa go amogana maele, emo go tla thusang mo go tlhabololeng dikgwebo tsa bone.
Rre Sekgoma a re mo ditshupong tsa mono ngwaga, gotaabo gona le ditiragalo tse dingwe kooteng ga ditshupiwa tse di akaretsang kgaisano ya mmabontle le rrabontle wa Serowe District (mr & mrs serowe district show), motshameko wa kgwele ya dinao, mabelo a dipitse, raffle, maitiso a mmino ma gareng ga tse dingwe.
Re santse rele foo, Rre Sekgoma o ledile ka letlhoko la madi, le a reng le ba kgoreletsa go anamisa molaetsa mogolo wa ditshupo mo setshabeng, gore ba itse sengwe le sengwe, ka jalo o kopile ba bobega dikgang go ba thologa mokgosi ka go tswelela ba anamisa ditshupo gore di kgone go nna le serodumo se se rileng, gore bagwebi ba nne le kgatlhego ya go tsaya karolo mo ditshupong tsa mono ngwaga.
O tsweletse gape a kopa batsaya karolo go tsenya letsogo ba thuse ka ditsela tse di ka kgobokanyang madi (fundraising event) a tla dirisiwang go tsamaisa ditiro tsotlhe tsa ditshupo gore di tle di atlege.
E rile fa a tswa la gagwe Kgosi Mokhutshwane Sekgoma one a kopa gore go rene kagiso gareng ga komiti, ka a re ke yone fela e ka ba kopanyang gore ba kgone go fitlhelela maikaelelo le maikemisetso a bone.
O ba kopille kgo emisa mokgwa wa go supasupana ka menwana, a re go dira jalo ga gona go ba isa pele ebile ga go kitla go fetola seemo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mariam Onyafetse
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya komiti ya ditshupo tsa Serowe
Date : 09 Feb 2015






