Breaking News

Lekgotla le tlhophile maloko a masha

08 Feb 2015

Maloko a lekgotla la babereki la Manual Workers Union kwa Tutume ba tlhophile maloko a masha go tsamaisa lekgotla leo.

Mongwe yo o neng a tsamaisa ditlhopho tseo, yo le ene a leng leloko la BOPEU, Rre Jimson Richard o ne a kopa bao ba ba neng ba emetse ditlhopho tseo mme ba seka ba atlega go tswelela ka mowa o le mongwe go direla lekgotla.

Rre Richard a re go fenngwa ga go reye gore ba ngale lekgotla ba bo ba tsamaela ruri,a gatelela ka gore ba ba tlhophilweng ba tlhoka thotloetso le kemonokeng ya bone gore lekgotla leo le tiye.

O tsweletse a ba kgothatsa go nna boineelo le bopelotelele go thusa mo go lweleng ditshwanelo tsa bone e le babereki ba lekgotla leo la Manual Workers Union.

O gateletse ka gore bopelotelele le boineelo bo a busetsa,a a fa sekai ka tautona yo o tlhokafetseng wa Zambia, a re o kgaratlhetse go fenya dingwaga mme ka bopelotelele jwa gagwe o tlhokafetse a le tautona. A re le bone ba tseye seo e le thuto mo go bone ba itse fa phiri a rile ga bose gangwe.

Mo go ba ba fentseng o ne a ba kgothatsa go bereka le maloko a mangwe ba le seopo sengwe,a re fa ba ka tsaya letlhakore ba t la thuba lekgotla. A re go bo maloko a ba tlhophile ba a ba tshepha ka jalo ba seka ba a swabisa.

Maloko a lekgotla leo a a tlhophilweng,modulasetilo ke Rre Kakatani Baliki,mothusi wa gagwe ke Rre Oliver Ikanyeng fa motshwara madi e le Rre Lonyatso Meshack, mokwaledi ya nna Mme Thandie Tasebolai,mothusi wa gagwe ke Mme Otilia Vike fa maloko a matlhano a tlaleletso e le,Rre Enock Matshana,Mme Lechedzani Mari,Mme Choothusa Olebile,Mme Smolly Vike le Mme Dziidzane Nkwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Phuthego ye lekgotla la babereki

Date : 08 Feb 2015