Mapodise a Tutume a tlhotlhomisa polao
08 Feb 2015
Mapodise a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di fa gare go tlhomamisitsweng fa a tlhokafetse morago ga go tlhajwa ka sengwe se se bogale ke monna mongwe kwa masimong a Chenkwakwa kwa Senete.
Go ya ka mogolwane wa mapodise a Tutume, Superintendent Jerry Halahala, monna yoo, yo o tlholegang kwa Zimbabwe go bolelwa fa a ile a tlhoka kutlwisisano le mongwe yo le ene a tlholegang kwa Zimbabwe kwa sepotong sengwe gone kwa masimong ao.
Superintendent Halahala o boletse fa tiragalo eo e diragetse bosigo jwa Labobedi, mme ba ragogela kwa lefelong la tiragalo kwa ba fitlhetse rre yoo a rapaletse mo bodibeng jwa madi. A tlhalosa fa ba ile ba ragosetsa monna yoo kwa kokelong ya Tutume kwa go tlhomamisitsweng fa a tlhokafetse.
Setopo se kwa setsidifatsing sa kokelo ya Tutume go tlhatlhojwa ke ba bongaka,fa mmelaelwa a santse a tsene ka lenga la seloko.
Superintendent Halahala a re o tshwentswe ke dikgang tsa mothale oo,a supa fa e se tiragalo ya ntlha go diragala e e amang batswakwa bogolo jang ba ba tseneng mono e se ka fa molaong.
O kopile batho go tlogela mokgwa wa go thapa batswakwa ba ba senang dipampiri tse di ba letlelang go nna mono.A re fa go nna jaana e nna mokgweleo wa puso ka jalo go senyega madi a mantsi a a kabong a ka dirisiwa go tlhabolola lefatshe ka go boloka batho bao le go ba batlisa ba masika.
A re se se ngomolang pelo go feta ke gore le bone bathapi ba batho bao o fitlhela ba sa itse motho yoo ka ba ipitsa ka maina-ina a a sa tlhomamisegeng. A gatelela ka gore ba tsile go ga gamaletsa setoropo bao ba ba santseng ba itirile tsebe seutlwe ka go hira batho bao.
E re dikgang di eme jalo,mapodisi a Tatitown a bolela fa ba tshwere mmelaelwa mo tiragalong ya polao le go kgothotsa e e diragetseng kwa Sebina Cross ka Matlhatso bosigogare.
Mogolwane wa mapodise a Tatitown,Superintendent Cyprian Magalila o boletse fa ba kgonne go tshwara monna wa dingwaga tse di masome mabedi le borataro yo o tlholegang kwa Zimbabwe,a re ba santse ba le mo patlong ya bangwe ba bararo ba le bone ba amegang mo tiragalong eo.
Superintendent Magalila o ile a kopa bakgweetsi go tlogela mokgwa wa go pega batho ba ba s a ba itseng bogolo jang bosigo ka go dira jalo ba tsenya matshelo a bone mo diphatseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Ditlhotlhomiso tsa sepodise
Date : 08 Feb 2015






