Monana o gweba ka maphoi
08 Feb 2015
Batho ka bontsi ba dumela mo thuong e e bogadi bo gaufi kana dikgwebo tse di tsenyang madi ka bonako.
Mo monaneng yo o dingwaga tse di masome mabedi le botlhano, Rre Tirafalo Moipolai wa kgotla ya Molehele kwa Letlhakeng, thuo ya maphoi e a mo tshetsa.
Rre Tirafalo o feditse mophato wa botlhano kwa sekoleng se segolwane sa Shoshong mme go fitlhela gompieno a le kwa sekoleng sa ithutelo ditiro o ntse o tsweletse le thuo ya gagwe ya maphoi a sekgowa.
“Ke simologile le thuo ya maphoi a sekgowa ka ngwaga wa 2012 ke reka a le mabedi,le le namagadi le le le tonanyana ka tlhwatlhwa ya P40 lengwe le lengwe” ga bua Rre Moipolai.
O tsweletse a kaya fa maphoi ao a gagwe a atile mme mo bogompienong a na le maphoi a le masomemabedi le bobedi.Thuo ya maphoi a sekgowa mo go Rre Moipolai o boletse fa a ne a simolodisiwa go ruwa ke bontle jwa maphoi ao le bonolo jwa one, a re maphoi a sekgowa a bonolo ebile a rata bophepha.
Maphoi a ga Rre Moipolai a nna mo ntlwaneng e e dirilweng ka botswerere e na le se a ka robalang mo go sone. “ke dirisa ditshitswana tse dikgologolo go direla maphoi a me dintlwana tse a ka beelang mae mo teng” ga tlhalosa Rre Moipolai.
O tsweletse a kaya fa gape maphoi ao a tlwaela mong wa one le go mo itse, ka jalo a re le fa a goroga a sale a tsamaile, ga a mo lebale ebile a mangwe a kgona go mo palama mo tlhogong mme seo se mo jese monate. A re gantsi maphoi a sekgowa a ruelwa go kgabisa mo lelwapeng.
O kaile fa gape maphoi a gagwe a kgona go fofa a tsamaya mme a ka seke a lebale kwa a nnang teng. A re gape maphoi ao a itsalantse le dikoko tsa mo ga bone ebile a thusa le go koba segodi se se jang dikokwana.
Rre Moipolai o tsweletse a tlhalosa fa thuo ya maphoi a sekgowa e sa ture ka maphoi ao a a ja mabele ebile a kgona le go tsamaya a selasela mo nageng.
Fa a tlhalosa ka go itshetsa ka thuo ya gagwe, Moipolai a re o rekisa lephoi le le lengwe ka tlhwatlhwa ya P50 mme seo se mmusetse thata ka a kgona go rekisa maphoi a le matlhano mo kgweding mme a itirele sengwe ka madi a teng le gone go a rekela mabele.
Rre Moipolai o ntshitse matshwenyego a a amang thuo ya gagwe e le batho bangwe ba ba bolayang maphoi a gagwe fa a ile go selasela gosele a re seo se fokotsa go oketsega ga maphoi a gagwe.
O ne a wetsa ka go gwetlha banana go tswa ka methale e ba ka itshetsang ka yone go fokoletsa puso morwalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Mokonene
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 08 Feb 2015






