Breaking News

Mapodise a abetse balwetse

08 Feb 2015

Mothusa mookamela mapodise a Botswana, mme a lebagane le lekalana la tsa pharakano Rre Katholo Mosimanegape, a re ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go nna le seabe mo go thuseng batho ba ba dikobo dikhutshwane gammogo le ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela.

Rre Mosimanegape o buile mafoko a kgwedi eno e tlhola malatsi ale marataro fa bane ba ile go lekola batho ba ba neng ba bona dikgobalo le ba ba neng ba tlhokafala mo tseleng ya A1 fa bese ya Khanda e neng e tswa Francistown eya Gaborone e thulana le koloi e nngwe kwa Mmamabula kgwedi e fetileng ele masome a mararo.

A re ere ka lephata la gagwe le lebagane le dikotsi tsa tsela, ke sone se ba tsereng tshwetso ele ba sepodise sa pharakano goya go lekola balwetse ba ba neng ba amega mo kotsing eoa mo kokelong ya Mahalapye ele tsela nngwe ya go ba gomotsa le go gopola bao ba ba neng ba tlhokafala.

Rre Mosimanegape yo a neng a patilwe ke moanamisa mafoko a sepodise sa Botswana Rre Christopher Mbulawa o kopile botlhe b aba amegileng mo kotsing eo go nna le tsholofelo ya gore ba tla tokafala ka bony aka bonya mo kokelong ya Mahalapye gammogo le b aba huduseditsweng kwa dikokelong tse dingwe tsa lefatshe leno.

Mo nakong ya gompieno batho ba ba neng ba bona dikgobalo mo kotsing ya bese, mme ba roibaditswe mo kokelong ya Mahalapye ke ba robaditsweng mo kokelong ya Mahalapye ke basadi bale barataro ba bangwe ba bone ba robegileng maotlo.

E rile kgosi Tsoebebe Segotsi wa Mahalapye atswa la gagwe a lebogela ba sepodise sa Botswana go nna le mowa wa kutlwelo-botlhoko ka go thusa bao ba ba robaditsweng mo dikokelong. 

Kgosi Segotsi o tlhalositse fa ele keletso ya mmuso go bona Batswana ba tsenya lotsogo mo ditirong tsa bopelotlhomogi ka go thusa bao b aba tlhokileng lesego mo botshelong.

A re lengwe la matshego a vision 2016 ke go nna tshaba e kutlwelo-botlhoko, tshaba e kgatlhalang ka matshelo a batho ba bangwe e bile ele tshaba e rutegileng.

Balwetse bao ba mongwe wa bone a tlholegenang kwa lefatsheng la Zimbabwe ba akgoletse ba sepodise sa Botswana go ba abela dimpho tsa maungo le madi a neng a kgobokantswe ke mapodise a pharakano a neng e tsene dithutopuisano tsa malatsi a mabedi mo Mahalapye. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Kabo dimpho

Date : 08 Feb 2015