Breaking News

Monna o utswa dikoloi ka botsipa

08 Feb 2015

Mapodise a Kanye ba mo letsomong la monna mongwe mo Kanye yo o sa itsiweng yo a tsentseng letsatsi ka go utswa dikoloi tsa batho ka boferefere bo botona a re oa di reka mme a bo a tsamaya a di latlha mo nageng morago gore o a ditlhatlhoba.

Go ya ka mogolwane wa mapodise a borwa Senior Superintendent Ruben Mphoeng mmelaelwa o setse a utswile mo makgetlhong a marataro. 

O boletse fa monna yoo fa a bona koloi e rekisiwa e beilwe pampiri ya papatso, o tlabo a a re oa reka a bo a kopa go e utlwa gore e siame ke nako fa a tsamaile ka yone.

O boletse fa mmelaelwa dira jalo a tsamaya a tlogela dikoloi a tsaya tse dingwe a tlogela e a tlang ka yone. 

O boletse fa a tsamaya a tsaya koloi a re o a di utlwa fela jalo jalo a re o batla go di reka mme a nyamele ka lenga la seloko.

O boletse fa ba mo utlwaletse a tsamaya ko Otse a tsamaya ka koloi e a e utswileng mo Kanye, koloi e nngwe e bonwe fa motlhala wa kgomo fa tse dingwe a di tlogetse mo bathong mo kanye a ba akeditse a re o a di reka. 

Go bolelwa gape a tlhakantse le go thubetsa mo teng. 

O loleme le borethe thata fa a tsena o batla go reka koloi ka madi a a botoka.

Mapodisi ba kopa beng ba dikoloi bogolo ba ba di rekisang go nna pudi matseba thata ka lenweenwee leo le apesitseng kanye kobo ka letshoba.

Mo dikgannye tse dingwe mapodise a kanye ba tshwere monna wa mo China wa dingwaga tsedi masome mabedi le bofera bobedi(28) le mosadi wagagwe wa dingwaga tsedi masome mabedi le bosupa ka go nna mo Botswana ba feletswe ke malatsi le go rekisa ba sena setlankana sa go rekisa mo Kanye.

Go boletswe fa ba ne ba dirisa marekisetso a China Jianexi, a go bolelwang ba sa bolo go a dirisa ka lobaka. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Ditlhotlhomiso tsa sepodise

Date : 08 Feb 2015