Breaking News

Banni ba tlotlomatsa moeteledipele

08 Feb 2015

Morafe wa Tsabong o supile fa moeteledipele wa lekgotla la Baruti mo Tsabong moruti Sejakgomo Sejakgomo a nnile le seabe se segolo mo go fetoleng le go tokafatsa motse wa bone le kgaolo ya Kgalagadi ka  kakaretso.

Ba kaile se kwa moletlong wa tsamaya sentle wa ga Moruti Sejakgomo o o neng o rulagantswe ka phutego ya kereke ya UCCSA e moruti Sejakgomo o neng a e eteletse pele. Moruti Sejakgomo gape e ne e le motlhokomedi wa dikereke tsotlhe tsa UCCSA mo Kgalagadi Borwa le bokone.

Mongwe wa dibui kwa moletlong yo gape e leng leloko la lekgotla la baruti mo Tsabong moruti rre Nelson David o tlhalositse fa moruti Sejakgomo a ne a le lorato, boikobo,pelotelele,matlhagatlhaga mo tironga nale boamaruri ebile a ne a nale botlhale jo bo tshwanang le jwa ga kgosi Solomone wa mo Baebeleng.

Moruti David o kaile gape fa moruti Sejakgomo a ne a nale botsipa jwa boeteledi pele ka a ne a dirisana le maphata ka go farologana le morafe ka kakaretso.

Are se se ne sa ba rotloetsa ele baeteledipele ba dikereke go tshwaragana ka bo bone le morafe a supa fa kopano ele maatla e ba  kgontsitse go fenya dikgwetlho tse di neng di rena mo Tsabong mme gape kopano e popa e ene ya thusa ka go tlisa kagiso le pabalesego mo motseng.

Godimo ga moo Moruti David o supile fa ketelopele ya ga moruti Sejakgomo e kgothaditse baruti ba le bantsi go diragatsa maikarabelo a bone ele baruti mo dikerekeng le mo motseng.

Fa a tsweletse ka go galaletsa ditiro tsa ga moruti Sejakgomo,moruti David o kaile fa moruti Sejakgomo e ne ele monna yo o tsepameng mo tumelong,a supa fa tumelo ya gagwe e ne e sa mo paledise tiro ka jalo  go ne go nonotsha le tumelo ya bone.

Fa a bua le ba tatediso ya dikgang,leloko la UCCSA mo Tsabong mme Dolly Cooper o tlhalositse fa moruti Sejakgomo e ne e le motsadi,tsala,ngwana godimo ga moo e ne e le modisa yo o molemo.

O ne a tswelela a fa bopaki gore go tla go direla mo Tsabong ga ga Moruti Sejakgomo go ne ga mo tsosolosa mo moweng gape o ne a kgona go ikemela ka dinao a leka maano a fenya lehuma ka kgothatso ya ga  moruti Sejakgomo.

Mme Cooper o supile fa moruti Sejakgomo e ne e le motshereganyi a rata kagiso ke ka mo a kileng a gakolola badirela puso ba ba neng ba ngadile ditiro ka ngwaga wa 2011 gore ba boele ditirong ba lope ka boikokobetso e seng dikgoka le go ngala.

O ne gape a tlhalosa fa tirisanyommogo le seabe sa ga moruti Sejakgomo sa go fetola Tsabong se ne se lemogiwa ke morafe ka kakaretso.

A re ke sone se moruti Sejakgomo a abetsweng leruo ke magosi le makhanselara a pele,ebile morafe le dikereke ka go farologana di mo abetse dimpho tse di kgolo go mo tsamaisa sentle go ya Molepolole kwa a tla bong a direla teng.

Cooper o kaile fa morafe wa Tsabong o ka se lebale Moruti yo ebile ba tla godisa tse di molemo tse a di jwadileng mo matshelong a bone.

Moruti Sejakgomo o ne a lebogela kereke ya UCCSA le morafe wa Tsabong dimpho, kamogelo,tirisanommogo,tlhokomelo le kemonokeng e ba mo e fileng mo ngwageng tse thataro tse a di berekileng mo Tsabong.

O tlhalositse fa se se mo thusitse go fitlhelela moono wa go godisa bakaulengwe mo tumelong,go kgothatsa le go tlhabolola matshelo.

Godimo ga moo Moruti Sejakgomo o kaile fa a nale tumelo ya gore peo e a e jwadileng mo morafeng wa Tsabong e tla gola,mme o ba kgothaditse  gore ba nosetse peo e ka lorato,boikobo,kagiso le go inaakanya le Modimo ka nako tshotlhe.

O ne gape a kopa ba kereke ya UCCSA go fa moruti o o tlang mo leeemong la gagwe lorato,tlhokomelo,kamogelo,tirisanommogo le kemonokeng e ba neng ba mo e file,a supa fa se se ka kgona go godisa maduo a mantle a ba afitlheletseng ka fa tlase ga ketelopele ya gagwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Johannah Martin

Location : TSABONG

Event : Moletlo wa tsamaya sentle

Date : 08 Feb 2015