Breaking News

Lekawana le ikgapetse botshelo

05 Feb 2015

Mapodise a Jwaneng a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone lekawana la dingwaga tse di fa gare le fitlhetsweng le akgega mo ntlong mo bekeng eno.

Go ya ka mookamela mapodise a Jwaneng, Superintendent Theriso Thatayotlhe, rre yo, yo o tlholegang kwa Kanye, ga a tlogela molaetsa wa gore ke eng a ikgapetse botshelo. Supt Thatayotlhe o boletse fa tiragalo eo ele ya ntlha mo ngwageng eno, fa mo ngwageng e e fetileng ba ne ba kwadisa dikgang tsa mofuta o di le tlhano.

A re ba tshwentswe ke gore batho ba ba ikgapelang botshelo ga ba tlogele melaetsa epe e e ka tlhalosang gore bothata ene ele eng. O kopile morafe gore ba ne ba kopa thuso kwa sepodising, ba boipelego le dikgosi fa bana le mathata go na le go ikgapela botshelo ka ese tharabololo ya mathata.

Maina a moswi a santse a lobilwe go fitlhela ba masika ba itsisiwe, fa ditlhotlhomiso tsa mapodise tsone di tsweletese.BOPA

Source : BOPA

Author : Keabetswe Gobatlwamang

Location : JWANENG

Event : Pego ya mapodise

Date : 05 Feb 2015