Temo ya ditlhare e na le maungo
05 Feb 2015
Rre Rannwane Mpole wa Malotwane mo kgaolong ya Kgatleng a re temo ya ditlhare le merogo e a busetsa ebile ke yone a itshetsang ka yone.
Rre Mpole o boletse mo potsolotsong gore o lebogela thulaganyo ya lenaneo la puso la go lema ditshingwana tsa merogo ka ba ile ba mo isa dithutong beke tsa go lema le go tlhokomela dijwalo kwa sekoleng sa Madirelo training centre.
O tlhalositse fa a ile a feta a itebaganya le go lema ditlhare ka go farologana mme matshwenyego a a kopanang le one e le letsatsi le le bogale le le fisang dijwalo.
Rre Mpole o lemile ditamati, pherefere, morogo wa spinach, di paw paw,di mango dile 50, di nnaraki, moretlwa wa sekgowa le ditlhare ka go farologana tse di kgabisang.
O boletse fa diji bogolo jang seboko se senya ditamati mme a tlhoke go nna le thobo sentle ya ditamati jaaka ngogola kgwebo e ile ya wa diji di sentse ditamati.
O tlhalositse fa pherehere ele yone e duleng sentle ka bontsi monongwaga mme seo sele molemo, a tlatsa ka gore letlhoko la madi ke lone le busetsang kgwebo ya gagwe kwa morago ka a batla go lema ditlhare ka go farologana le go tlhabolola meriti.
O boletse fa a na le tsholofelo e e tletseng gore ngwaga ono o tla atlega ka jaanong bana ba gagwe ba na le kgatlhego mo go se a se dirang ebile ba tla a mothusa ka madi ka ba lemoga fa a rata temo.
Rre Mpole o tlhalositse fa a nosetsa ka metsi a tshwang mo sedibeng mme a a ipompela ka ana le generator mme ka metsi a sa sokole go nosa dijwalo ka gape a beeletsa metsi ka ditanka.
O boletse fa mosadi wa gagwe le ene a nnile le seabe go mo rotloetsa ka le ene a rata temo mme ele ene a dirileng tshingwana ya ditamati, a tlatsa ka gore o lemile setlhare sa lesereng gore a rekise abo a jese dikgomo tsa gagwe.
O kgothaditse batho gore fa ba neelwa mananeo gotwe ba itshetse ka one ba seka ba a phuaganya ka seo se sa siama, a re mananeo go batla motho a na le lerato go dira ka diatla.
O boletse fa go boloka metsi kafa morago ga ntlo mo ditankeng ele gone go ileng ga mo thusa go nosetsa dijwalo tsa gagwe mme a seka a kgobega marapo go tswelela le lenaneo.
Rre Mpole a re o bone go tshwanela go dirisa sebaka seo se goromente a ntshitseng mananeo eseng batho ba kgala mananeo mme ba sa ntshe sepe se se ka ba thusang go itshetsa, a tlatsa ka go akgola puso go rekela mme wa gagwe radio ka ene a ne a paletswe ke go e mo rekela mme a kgona go nwa madi bojalwa.
A re go kgala puso ga go thuse sepe ka e thusa ka mananeo mme ba kgona go itshetsa ka one ka ba thiba diphatlha ka dipoelo tse ba di bonang go reka phaleche.
O boletse fa a sale a tlogela go direla ko meepong kwa Rustenburg ka ngwaga wa 2006 abo a thibelela mo Malotwane a fudugela teng a dirisa madi a a neng a amogela kwa komiting ya ditlhabololo tsa motse go aga mosasana oba nnang mo go one.
O boletse fa a itumeletse sentlankana se a se abetsweng morago go go tsenelela dithuto kwa Madirelo, a re puso ke yone e rotloetsang batho mme Tautona wa pele Rre Seretse a ne a nna a bua gore motswana fa a rekisa mae aka tsenya bana sekole mme seo e le go rotloetsa batho go dira ka diatla.
O boletse fa a ya go tswelela ka dithuto di tsene sentle mo go ene mme a ya go ikaega ka go lema dijwalo tse dintsi mme a na le tumelo gore o tla atlega a bo a tlhatloge mme dikgwetlho di sena go mo emisa go tsweledisa mananeo a gagwe ebile a batla go rotloetsa dilo tsa setso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Letshelaphala
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 05 Feb 2015






