Breaking News

Go lema mariga go molemo

05 Feb 2015

Lenaneo la ditshingwana tsa merogo le tsweletse ka go solegela ba ba le tsereng molemo gammogo le go bona dipoelo mo go lone.

Mme Tiroyamodimo Mpole wa motsana wa Malotwane mo kgaolong ya Kgatleng ke bopaki jwa seo, erile a tlhalosa mo potsolotsong ka Laboraro o boletse fa go lema merogo mariga go mo thusa fela thata ka diji di se dintsi paka eo.

Mme Mpole o boletse fa a tsere lenaneo leo ngwaga wa 2014 mme le ntswa ene ele motho wa go rata go itemela mo lwapeng a itirela ka diatla seo se ile sa mo tiisa moko fa a bona thotlhoetso.

O boletse fa a simolotse a lema ditlhare abo a lema merogo mme morago ga moo aya go bona mmapoipelego le molemisi a ba bitsa go bona tse a di lemileng mme ka seo a bona thotloetso ya lenaneo.

O tlhalositse fa a ile a bona thuso ya masang a a khurumetsang dijwalo, didirisiwa tsa temo, dipeo le mathumpho a a thusang go nosetsa ale boroba bobedi, mme a nna le kgwetlho ya metsi le ba lephata la metsi a berekela go duela metsi ka dituelo dine di le kwa godimo mme a felela a kgaotswe.

O tsweletse a tlhalosa fa a ile a dira kopo ya go fudugela kwa masimo kwa a teng mo nako eno go tsweledisa temo ya gagwe teng ka ana le sediba se a ka pompang metsi mogo sone mme a atlega mme a simolola go jwala ditamati a kgona go di nosetsa sentle.

Mme Mpole o boletse fa a rekisa tse a di lemileng go bona dipoelo le ntswa bothata balemi mo kgaolong ba le bantsi mme mmaraka wa go rekisa o le monnye ka jalo a itlhophetse go tsamaya mo motseng a rekisa ditamati le morogo wa gagwe mme di rekiwa sentle dipoelo di nametsa fela thata.

O tlhalositse fa a rata go lema mariga thata ka dijwalo tsa teng di nonofa ka ga di fesiwe ke letsatsi go na le go lema ka selemo ka di jwalo di e swa bogolo jang ditamati, a re o itsetsepetse mo go lemeng e le tiro ya gagwe ya nako tsotlhe, a tlatsa ka gore o bona dipoelo tse di siameng thata mo go rekiseng pherefere ya gagwe ebile batho ba e rata ba e reka thata.

O tlhalositse fa a na le mowa wa lorato wa go rata merogo le ditlhare a di lema mme seo se tlile fela mo go ene e le toro abo a tswelela ka go dira, a re o sale a nna le lorato la temo go tswa bogologolong metsi a santse a laolwa ke khansele mme ditlhwatlhwa tsa one di le kwa tlase mme a sa lele ka dituelo tsa metsi.

O boletse fa go fudugela mo masimo a ne a bona a sa boelwe ke sepe a berekela go duela metsi fa e sale go tsaya kompone ya WUC go tswa mo khanseleng.

Mme Mpole o boletse fa a kopa motshetelo wa dijwalo mo merakeng le masimo a a mabapi le ene, mme a lwantsha diji mo dijwalong ka go dira motswako wa go tsenya kwii mo metsing abo e tswa matute mme a tlhakanye le pherehere e e lore e a e rekang ko shopong mme a tshele mo dijwalong tsotlhe, a re go dira jalo go mmerekela fela thata ka a tshaba go koba diji ka melemo ka a kgona go rekisa tsatsi le letsatsi.

O boletse fa a eletsa go godisa kgwebo ya gagwe mme a batla go ikopanya le ba lenaneo leo go mo okeletsa ka a batla go lema dijwalo ka go farologana dile dintsi, mme go ka nna molemo fa ba ka mo thusa bogolo jang ka mathumpho a a nosetsang ka a batla go lema thata mariga ka a le botoka gona le selemo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Letshelaphala

Location : MOCHUDI

Event : Potsolotso

Date : 05 Feb 2015