Tlhaelo ya metsi sekgoreletsi
05 Feb 2015
Mme Obakeng Mangole yo e leng molemi yo o lemang merogo mo lwapeng a thusitswe ke ba lenaneo la go dira ditshingwana tsa merogo o lela ka letlhoko la metsi.
Mme Mangole o boletse mo potsolotsong ka Laboraro fa tshingwana eo a e simolotse ka ngwaga wa 2013 mme e tsweletse sentle lentswa bothata jo bogolo jo a lebaganeng le jone ele tlhaelo ya metsi.
O boletse fa ba lephata la metsi ba ngongoregela go nosetsa dijwalo ka metsi a pompo ba tlhalosa fa letamo la Gaborone le kgala mme seo se dira gore a sale a eme fela a sa itse gore o ka nosetsa dijwalo tsa gagwe ka eng.
O tlhalositse fa diji di gaketse mme balemisi ba sa thuse ka melemo go bolaya diji mme bare molemi a ipatlele melora ya ditlhare go e tshela mo dijwalong go koba diji, a re go dingalo go ka bona setlhare bogolo jang sa morukuru go se hisa go dira molora o o bolayang diji.
Mme Mangole o boletse fa tsienyanene nngadule le podile di tshwenya ka go ja dijwalo bogolo jang di green pepper, a re le ntswa go ntse jalo seo ga se mo kgobe marapo ka ga se gantsi a batla go nna asa lema tshingwana ya gagwe.
A re o bone go tshwanela gore le ntswa pula e le boutsana a batle tanka go beeletsa metsi ka yone go nosetsa green pepper, kwii,pherehere le merogo e a e lemileng.
Mme Mangole o tlhalositse fa a ile a ya go bona ba lephata la temo thuo mme ba bolela fa go tla a nna le lenaneo la gore ba ba tsereng lenaneo la tshingwana ya merogo ba tla a thusiwa go duela bontlha bongwe jwa madi a metsi.
O boletse fa a ne a kolota metsi madi a kanang ka 2.4 mme a nna a duela sekoloto seo ka bonya ka bonya mme go se fokotsa mo a setseng ka madi a mannye mme mo nakong eno a tloga a se fetsa, a re mme le fa go ntse jalo o tla a tswelela a duela a sa ikaege ka gore ba temo thuo ba tla a tla ka lenaneo la go thusa go duela bontlha bongwe jwa madi.
O tlhalositse fa a thusitswe ka masang, dipeo, mathumpho a metsi go nosetsa dijwalo, a tlatsa ka gore o rekisetsa batho mme o bona dipoelo tse di nametsang thata abo a kgona go rekela bana dijo le go ba duelela ko sekoleng.
Mme Mangole o boletse fa a dirisa molora o o tlhatswang dikotlele a o tlhakantse le metsi abo a tshela mo dijwalong go bolaya diji, a re lenaneo le mo thusetse le go mosolegela molemo fela thata ka o itshetsa ka lone e bile o rata temo.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 05 Feb 2015






