Dikgang tsa go latlha batsadi di a tshwenya
05 Feb 2015
Mokwaledi wa khansele potlana ya Maun, Rre Uyapo Mafunyi a re ba tshwenyegile thata ka dikgang tse di bifelang pele tsa bana ba ba sa tlhokomeleng batsadi ba bone.
O ikuetse jalo mo thuto puisanyong a tlhalosa fa bana bangwe ba rwesitse khansele mokgoleo wa go tlhokomela batsadi ba bone ka lenaneo la botlhoki mme ba iponatse fela fa motsadi a tlhokafetse .
A re khansele e tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela batsadi ba ba tlhokang ka go ba fa dijo le goba agela bonno jo bo fang motho seriti mme sebe sa phiri ke gore fela fa motsadi a tlhokafala bana ba rekisa setsha sa gagwe. A re ba bangwe ba tsietsa batsadi ka go ba kopa gore ba fetolela setsha sa bone mo maineng a bone, ba re setsha se tla itsa motsadi go akola mananeo a puso.
Rre Mafunye a re mathata a mangwe a ba kopanang nao ke fa khansele e fitlha motsadi a tlhokafetse ka bana bangwe ga ntsi ba nna kgatlhong le phitlho ya khansele. A re se se ngomolang pelo ke gore bana bao ba bo ba ntse ba latlhile motsadi jaanong ba iponatsa fela fa a ithobaletse ebile ba solofetsa fa bat la mo iphitlhela.
O ne a ikuela mo batsena dithuto tseo ba ba neng ba akaretsa makhanselara, maloko a khuduthamaga a kabo ditsha le bodiredi go tla ka metlhale e ka yone ba ka sireletsang ditsha tsa batsadi ba ba thusiwang ke khansele. A re ba lemogile fa ditsha tseo gantsi di rekwa ke badirelapuso.
Rre Mafunye o supile gape fa ba tshwenyega ka batsadi bangwe ba ba fitlhang dithoto tsa bone ka maikaelelo a go re ba kwadisiwe mo lenaneong la batlhoki. A re kgang eo e ama pelo ka jaana ba lemogile fa bangwe bana le leruo le le ntsi mme ka nako ya tshekatsheko ba itatola leruo la bone.
O tsweletse a re makhanselara le one a rotloetsa seemo ka jaana ka nako ya ditlhopo ba tla ka batho ba le bantsi gore ba sekasekiwe le ntswa bangwe ba sa tshwanela go akola lenaneo la botlhoki. O kopile borara le bogogi jwa kgaolo go emela dikgang tseo ka dinao ka e le tshwenyetso setshaba.
Fa ba mokgwa kgaba, bangwe ba batsena phuthego ba ne ba supa bodiredi ka monwana ba re ke bone bo sa diragatseng tsamaiso sentle ka ke bone bo filweng boikarabelo jwa go kanoka batho batho ba ba akolang mananeo a puso.
Ba ne ba supa lephata la boipelego ba re ga le diragatse ditsamaiso sentle mme seo se beye morafe ka fa mosing. Makhanselara mangwe ba ne ba supa fa morafe o lela ka lephata leo ba supa fa le sa ba thuse ka fa tshwanelong.
Modulasetilo wa khansele potlana ya Okavango Rre Anderson Kambimba a re o belaelagore mo kgaolong ya gagwe bodiredi bo neetse tshwene marapo ka bontsi bo lela ka lephata la boipelego. O kopile bogogi jwa khansele go etela bodiredi go netefatsa gore ba dira dilo ka fa tsamaisong.
Mogolwane mo go tsa mo ofising ya boipelego Rre Molatedi Monthe o ne a tlhalosa fa ba thusa morafe ba setse morago melao ya puso e e tsamaisang mananeo a a diretsweng go thusa ba ba maleba. A re go na le mabaka a a ka patikang gore ba thuse ba sa sala molao morago bogolo jang mo diemong tsa go thusa bana ba ba tlhokang kana ba ba latlhilweng, go thusa mo diphitlhong le batswasetlhabelo ba dibetso tsa tlholego.
A re diemo tseo di tlhoka thuso ya potlako mme morago ba boele mo tsamaisong ya molao. Rre Monthe a re molao o papametse go supa bao ba ba tshwanetsweng ke dithuso a tlatsa ka gore fa go na le tshokamo puso e na le dithata tsa go baakanya molao gore o fitlhelele dikgwetlho tsa morafe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Thuto-puisano
Date : 05 Feb 2015






