Banni ba tlhaela kitso ka mananeo
05 Feb 2015
E re le ntswa puso e dira ka natla go leka go tokafatsa matshelo a Batswana, bangwe ba tlhalosa fa ba sa akole mananeo mananeo mangwe ka ntlha ya go tlhaela kitso ka mananeo a a leng teng.
Banni ba masimo a Nhwi go bapa le motse wa Dutlwe kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba tlhaloseditse mokhanselara wa bone, Rre Thomas Batlhophi yo gape e leng modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng mo bokopanong fa ba ne ba sena kitso ka mananeo mangwe morago ga gore a amogane kitso le bone ka mananeo a puso a a farologanyeng.
Rre Ofaletse Ditlale a re ka bone ba nna kgakala le ditlamelo ga ba na kitso ka mananeo mangwe a puso a a ka inolang mo lehumeng mme a supa fa go le botlhokwa gore mapolotiki le badirelapuso ba ba etele kwa mafelong a a farologanyeng go amogana le bone dikitso ka mananeo.
Mokhanselara Batlhophi o ne a lemotsha banni bao fa puso e tlhamile mananeo a le mmalwa a tshwana le nyeletso lehuma, LIMID, ISPAAD e e faphegileng le SHHA mme a ba gwetlha gore ba itsolopanye mme ba dirise monyetla o wa mahala go tokafatsa matshelo a bone.
A re ka bone ba dikologilwe ke didiba di tshwana le Tshabamaburu le Bohagatshega ba netefatse gore ba di direla ditlankana kgotsa water right gore banana ba kgone ba ikopele mananeo a tshwana le la Youth Development Fund gore ba itlhamele dikgwebo.
O ne a ba tlhalosetsa fa go sena ope yo o nang le keletso ya go aparwa ke lehuma, mme gape lehuma le ka itlhotlhorwa ke motho ka boene.
A re puso e tlhamile mananeo a a farologanyeng ka maikaelelo a gore dipalo tsa batlhoki di fokotsege mo lefatsheng leno.
Rre Batlhophi o ne a supa fa go tshwenya go bona bangwe ba itumelela go kwalwa mo mophakong,mme a gwetlha Batswana go tlhaloganya fa botlhoki e se mokgabo mme ka jalo ba iteke ka go ikopela mananeo a a farologanyeng gore ba fatlhoge mo lehumeng.
Go ntse go le foo, o ne a tlhalosa fa masimo a Nhwi a tla tshwaraganngwa le motse wa Dutlwe gore e nne kgotlana ya motse wa Dutlwe mme a ba kopa go tshwaragana e le morafe gore go nne le ditlhabololo.
Banni bao ba ne ba iteela mokhanselara legofi mme ba mo kopa go ba etela gangwe le gape go tla go amogana le bone dikitso ka mananeo a a farologanyeng, mme ba solofetsa fa ba ikemela ka dinao go batla methale ya itshetso segolo jang ka puso e otlotse letsogo go ba thusa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Bokopano jwa banni le mokhanselara
Date : 05 Feb 2015






