Breaking News

Seemo sa metsi gase itumedise makhanselara

05 Feb 2015

Makhanselara a kgaolo potlana ya Letlhakeng a re ga a itumedisiwe ke seemo sa metsi le ditsela mo kgaolong ya bone. 

Go kaiwa fa seemo sa ditsela mo kgalong potlana ya Letlhakeng ga mmogo le tsamaiso ya metsi ya Water Utilities di tshwenya thata.

Makhanselara ba kgaolo potlana eo ba supile fa sa kgotsofalele tsamaiso ya khamphani ya metsi bogolo jang mo tsamaisong ya kgokelo ya metsi, dituelo tse di kwa godimo le tsibogo ya go baakanya dipompo tse di thubegileng.

Mokhanselara wa kgaolo ya Ngware Rre Ontatlhole Selatlho o supile a tshwenngwa ke gore go tsaya lobaka gore kompone ya Water Utilities e tsibogele tlhaelo ya metsi le go begela dipompo tse di senyegileng mo kgaolong ya gwagwe.

O ne gape a supa asa itumelele botho jwa bangwe b aba thapilweng ke kompone eo ka ba kgona go tsena mo malwapeng a batho bas a ba dumedise mme ba tlhamalele kwa di pompon go tsaya dipalo tsa dimmithara.

Fa a buisa Khansele mogolwane wa kompone eo Rre Seabe Mabua o tlhaloseditse makhanselara fa ban a le matshwenyego a tshwana le gore didiba tse dingwe tse di nosang metse di a kgala.

O ne a fa sekai ka sediba sa Khudumelapye a supa fa se ntsha metsi a a kwa tlase mme a supa fa ba le mo patlong ya didiba tse di ka thusang go nosa fa tse dingwe di fela metsi.

Rre Mabua one gape a supa fa ban a le dikgwetlho di tshwana le go utswiwa ga leokwane kwa didibeng tse di kgakala le metse.One gape a supa gape fa ba tshwenngwa ke batho b aba nosang leruo metsi a sechaba.

 O supile gape fa kgaogo ya motlakase kgapetsa kgapetsa e kgoreletsa go tswa ga metsi kwa didibeng tse di gokeletsweng motlakase.

 O tlhalositse fa ba fetola dipompo tsa sechaba gore go dirisiwe tsa maranyane tse go nowang ka dikarata.Mokhanselara wa Khudumelapye-Sesung Rre Bokopano Tumiso one a kopa gore go potlakelwe seemo sa tlhaelo ya metsi kwa Khudumelapye.

Fa a latlhela la gagwe mokhanselara wa Letlhakeng Borwa Mme Stella Segwagwa one a supa fa a sa itumedisiwe ke seemo sa ditsela tsa mo motseng tsa Letlhakeng ka di saletse morago ka malatsi a masome marataro le bobedi.

 O ne gape a supa a a itumelele gobo kompone ywa Water Utilities e sa tsibogele seemo sa kgopo ya metsi a a leswe ka bonako. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya khansele potlana

Date : 05 Feb 2015