Breaking News

Ba Machaneng ba akotse ISPAAD

05 Feb 2015

Lefa dipula di nele ka boutsana mo dikgaolong dingwe tsa lefatshe leno, kwa Machaneng motshwarelela mogolwane wa balemise, Rre Nti Makgale, o bolela fa batho ba kgaolo ya gagwe ba lemile ditema di feta dikete tse tharo le lekgolo le bobedi mo letsemeng la mono ngwana.

Rre Makgale o boletse mo potsolotsong gore mo ditemeng tseo dile dikete tse pedi makgolo a supa le masome a le manedi le bongwe  ke tse di lemilweng ka ditselana ka lenaneo la ISPAAD fa dile  makgalo a mararo le masome a le bobedi le motso e le tse di lemilweng ka go gasa.

A re le ntswa dipula di le boutsana ebile mogote wa letsatsi o ntsha kwena mo metsing, o itumedisiwa ke gore balemi ba kgaolo ya Machaneng bane ba ikemiseditse go dirisa lenaneo la ISPAAD go lema dijo tse ba ka itshetsang ka tsone boemong jwa go ikaega ka lenaneo la Ipelegeng le go bolelwang batho bangwe ba phuaganya masimo goya go bereka mo go lone.

O tsweletse ka go tlhalosetsa ba motswedi wa dikgang fa ditema di le sekete makgoloa mabedi le bobedi e le tse di lemilweng mmidi fa di le makgolo a roba bongwe le masome a le marataro le borataro  e le tsa mabele fa  di le makgolo a mane le masome a mabedi le bongwe e le tsa dinawa fa tsa ditloo di le lekgolo le masome a mararo le botlhano, mme tsa magapu tsone di le lekgolo le masome a a mabedi le botlhano.

Rre Makgale o rile lefa batho ba kgonne go lema sebe sa phiri ke gore ba ne ba lebanwe ke dikgwetlho ditshwana le go tlhaela ga diterekere le dipolantara ga mmogo le dipula tse di boutsana mo batho bangwe ba neng ba patelesega go dirisa ditonki go ipeela tema.

A re ele ba lephata la selemise kwa Machaneng ba kgonne  go lemela Batswana masimo ka lenaneo la ISPAAD mo ngwageng wa 2014/15, o bolela fa ba tshwenngwa ke beng ba diterekere bangwe ba go bolelwang ba lopa batho madi a peeletso ntswa mmuso o ba duela madi a lekaneng ditema tse ba di lemileng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 05 Feb 2015