Breaking News

Ba rotloediwa go tsibogela SHHA

05 Feb 2015

Modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng, Rre Thomas Batlhophi o gakolotse banni ba kgaolo eo go tsibogela lenaneo la SHHA go ikagela matlo le go tlhabolola malwapa a bone.

Fa a buisa diphuthego kwa metseng ya Dutlwe le Takatokwane bosheng, Rre Batlhophi a re ntswa lenaneo la SHHA le le molemo fela thata ka jaana moikopedi a sa kopiwe morokotso, bontsi jwa banni ba kgaolo eo go lebega fa ba sa le tsibogele ka dipalo tse di nametsang.

O supile fa lenaneo le le kgaogantswe gabedi, a kaya fa moikopedi a fiwa P60 000 mme a sa lopilwe morokotso.O tlhalositse fa go na le lengwe le mo go lone mookopedi  a kopang P45 000 fa a eletsa go tokafatsa ntlo kana go e atolosa.

Rre Batlhophi yo gape e leng mokhanselara wa kgaolo ya Takatokwane/Dutlwe a re ba santse ba tshwenngwa ke bangwe ba ba sa tsibogeleng go duela fa ba setse ba thusitswe ka lenaneo le,mme a supa fa seo se feletsa se baka gore moikopedi a batliwe morokotso.

Fa ba mo kgwa kgaba, banni bangwe ba supile fa ba tlhaela kitso ka mananeo mangwe a a leng teng. Mme Gofaone Kagonyana o tlhalositse fa ba lemoga bomolemo jwa lenaneo la SHAA mme ba tshwenngwa ke tsamaiso ya lone,a kaya fa ba ofisi eo ba fetola melao e e le tsamaisang gantsi.

Rre Batlhophi o ne a gakolola banni bao go batlisisa ka mananeo a a leng teng a puso go inamola lehuma. A re go ngomola pelo go bona bangwe ba phuaganya mananeo a ba a abetsweng ntswa puso e tsweletse ka go dira maiteko a go tlhabolola matshelo a bone.

A re puso e dirisa madimadi mo mananeong a a farologanyeng, mme a kaya fa go lebega madi ao a wela mo mothobodikeng mo mananeong mangwe a tshwana le la temo thuo la ISPAAD ka ntlha ya boitseme jwa balemi bangwe.

Go ntse go le foo,mokhanselara o ne a gakolola banana go ikemela ka dinao go dirisa mananeo a a farologanyeng go fokotsa kgwetlho ya letlhoko la ditiro e e ba lebaneng. A re o tshwentswe thata ke banana bangwe mo kgaolong eo ba ba inaakantseng le go rekisa ditsha tsa masimo.

O ne a ba gwetlha go tlhaloganya fa lefatshe le sa oketsege ebile ba tla ikotlhaela go rekisa masimo.  A re go botlhoka thata gore ba tlhabolole ditshimo tseo gore ba kgone go akola lenaneo la ISPAAD. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego

Date : 05 Feb 2015