Breaking News

Kamo le Kamo e abela Abbie

05 Feb 2015

E re jaaka Batswana ba tsweletse ka go thusa Abian Ntshabele, kereke ya Gaborone Assemblies of God (Kamo le Kamo) le yone e ne ya supa leato ka go abela mosetsanyana yoo P8 229 .

Fa a buwa le phuthego ka Sontaga, Bishop Raphel Habibo o tlhalositse fa mogopolo wa go abela Abian Ntshabele madi o dule ka baithuti ba sekole sa Tshipi ba ba ileng ba rolela morutabana wa bone kgang eo mme a e rolela bagolwane ba kereke gore kereke le yone e tsenye letsogo go thusa Abbie ka madi.

Bishop Habibo o tlhaloseditse bokopano joo fa go le botlhokwa ebile go le molemo go thusa Abian yo o nnang le bothata jwa kankere (ovarian immature teratoma) mme a tlhoka go dira learo le le ka lopang  madi madi.

O boletse fa go le botlhokwa gore kereke e thuse mo go kgobokanyetseng Abbie madi gore a kgone go ya go dira learo  kwa a rulaganyeditsweng teng kwa China.

O tlhalositse fa kereke e tshwanetse go supa lorato le go lere tsholofelo mo sechabeng le mo go bao ba ba tlhokang thuso, a re kereke e na le seabe se se tona ka go thusa sechaba le go tshwaragana le puso go thusa bao ba ba tlhokang.

Bishop Habibo o boletse fa go le molemo ka Batswana ba tsweletse ka go thusa Abbie mme seo se supa lorato, a re go botlhokwa gore kereke e thuse bao ba ba tlhokang thuso e rotloetsa letshego la tshaba e e kgatlhalang ebile e na le kutlwelobotlhoko.

O tlhalositse fa seabe sa kereke sa go ntsha madi go thusa Abbie gore a ye go dira loaro e le tshegofatso ebile gole molemo gore batho ba tswelele ba thusa gore morago ga loaro go nne le madi a a tla thusang  mosetsanyana  go tlhokomela loaro leo ka leya go tlhoka tlhokomelo e e kgethegileng.

Bishop Habibo o ile a akgola phuthego  go atlolola letsogo go kgobokanya madi ao otlhe a a tla a thusang Abbie. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Letshelaphala

Location : MOCHUDI

Event : Phutego ya kereke

Date : 05 Feb 2015