Kabo madi a mmele e boloka matshelo
18 Mar 2013
Mogolwane go tswa kwa mabolokelong a madi a mmele kwa Francistown, Rre Thabo Majane o kopile setshaba go phuthuloga mme se abe madi a mmele.
E rile a bua kwa letsatsing la go aba madi ke banana ba kereke ya Seventh-Day Adventist (SDA) kwa Serowe, Rre Majane a tlhalosa fa batho ba le ba ntsi ba tshaba go aba madi a mmele ka go tlhobaela gore ba tlaa tlhatlhobelwa mogare wa HIV.
O ne a tlhalosa gape gore madi a latlhegela batho ka ditsela tse dintsi go tshwana le dikotsi tsa dikoloi kgotsa ka nako ya pelegi, mme fa go ntse jalo madi a mmele a tlhokega go nna teng ka nako tshotlhe.
Rre Majane o ne a gakolola batho gore go aba madi ga go bake bolwetse bope mo mothong, mme fa motho a le dingwaga tse di lesome le borataro le go feta e bile gape a feta 50kg o lekane go ka aba madi a mmele.
O ne a leboga fela go menagane ba kereke ya SDA-Serowe go bo ba ipone tsapa gore mono ngwaga ba abe madi a mmele go babalela matshelo.
E rile a ntsha moono wa letsatsi, mogolwane wa banana ba kereke ya SDA-Serowe bogare, Rre Aobakwe Lesolame a tlhalosa fa letsatsi le e le la mafatshefatshe la banana ba kereke ya bone.
Rre Lesolame a re ka lone letsatsi le, banana botlhe ba kereke ya SDA lefatshe ka bophara ba dira ditiro tsa bopelotlhomogi gongwe le gongwe kwa ba teng.
A re ba ne ba utlwa selelo sa puso gore madi a mmele a a tlhaela mme ba ititaya ka thupana gore le bone ba nne le seabe ba tle ba kgone go ka thusa go ka boloka matshelo a batho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : SEROWE
Event : Kabo Ya Madi
Date : 18 Mar 2013






