Breaking News

Boithaopo bo dira pharologanyo

04 Feb 2015

Kgosi Joseph Batisani wa Semitwe a re le fa ditlhabololo ka bontsi mo motseng oo e le morwalo wa puso, go a itumedisa go bona banni ba motse le bone ba dira ka thata go ka dira dingwe ditlhabololo mo motseng.

Kgosi Batisani o buile jalo mo potsolotsong bosheng. A re banni ba tsweletse ka go ithaopa go tlhabolola motse ka go nna maloko a dikomiti di akaretsa ya ditlhabololo tsa motse, ya botsogo, ya twantsho borukhutlhi le tse dingwe ka go farologana.

Kgosi are jaaka ba ilthaopela dikomiti tse, ba dira pharologanyo mo motseng ka ba dira ka natla e bile ditiro tsa bone din a le motlhala o o kgatlhisang.

A re komiti ya ditlhabololo tsa motse e dirile diphetogo di akaretsa go epa lehuti la matlakala, ntlwana e balwetsi ba letlang mooki kgotsa ngaka ba le mo go yone le tse dingwe ka go farologana.

Kgosi Batisani a re ditlhabololo tse puso e tsweletseng ka go di gorosa di akaretsa tsela e e kgapilweng e e ba kopanyang le metse e mengwe, ditsompelo tse di dirisiwang kwa sekolong se se potlana sa motse le kwa kokolwaneng ga ba di galale.

A re ditlhabololo tse ba di amogetse ka tsoo-pedi, fela le bone e le banni ba motse ba ikiteile ka thupana gore tse dingwe ditlhabololo batla leka go di dira ka boitlhaopo.

Kgosi Batisani are ditlhabololo tse banni ba motse badi dirileng di arabile mangwe matshenyego a bone ka jaana pele ga lehuti la matlakala motse o ne o lebanwe ke kgwetlho ya matlakala a a gasamang le motse.

A re gape balwetsi ba ne ba sena fa ba tshabelang pula kgotsa letsatsi teng pele ba ka bona ngaka kgotsa mooki. Kgosi o supile gape fa komiti ya botsogo le yone e tshwere ka thata ka jaana e rotloetsa bophepha mo motseng, gape e rotloetsa banni ka mananeo a a rotloetsang botsogo le pabalesego.

Go sale foo Kgosi o bile a akgola baitlhaopi ba sepodisi ga mmogo le komiti ya twantsho borukhutlhi, a re go rena kagiso mo motseng, a tlatsa ka go supa fa go sena dipe ditiragalo tse di fatlhang kgotsa di rotloetsa borukhuthi.

Kgosi Batisani a re se se kgatlhisang ka baitlhaopi botlhe ba dikomiti tse ke gore le fa ba lebanwe ke ditiro tse di ntsi, gape ba etla ba dira ka ditshenyegelo tsa bone, ba dira ka boineelo le ka botswa pelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 04 Feb 2015