Banna ba fitlhetswe ka mabokoso a motsoko
04 Feb 2015
Banna ba le babedi ba tshwerwe ke mapodisi morago ga go fitlhelwa ka mabokoso a motsoko a le masome a supa le boraro ba leka go a tlodisetsa kwa lefatsheng la Afrika Borwa gaufi le molelwane wa M’Carthy Rust.
Go ya ka mookamela mapodisi a Tsabong, Superintendent Howard Modo, tiragalo e diragetse kgwedi eno e tlhola malatsi a le mabedi ka nako ya masome a mararo morago ga nako ya bobedi maphakela.
Supurintendent Modo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa banna bao ba ba dingwaga tse di masome a mararo le bongwe le masome a mararo le boherabobedi ba ne ba bonwa ke mapodisi mangwe a a neng a theogeletse kwa molelwaneng oo ba o dikologa ba ntse ba etse seemo tlhoko.
Mookamela mapodisi a Tsabong a re o supile fa dilalome tseo di fitlhetswe ka koloi ya modiro wa Land Cruizer e pegile mabokoso a le 73 a motsoko wa Sasha jaaka ba ne ba leka go a tlodisetsa kwa lefatsheng la Afrika Borwa ka maikaelelo a go ya go rekisa motsoko oo gaufi le moraka wa Volmoed.
Rre Modo o kaile fa motsoko wa Sasha go belaesega fa o dirilwe kwa lefatsheng la Zimbabwe ka leina la one le sa itsege mo lefatsheng leno.
O kaile fa mo nakong ya gompieno badira molato bao ba le mo diatleng tsa lekalana la ba kgethiso dithoto le ba lephata la mesepele go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le go tlodisa dithoto mo go seng ka fa molaong le gore go tlola ba sena dibukana tsa mosepele.
A re badira molato bao ke motswana yo o tlholegang kwa Gaborone fa yo mongwe a tlholega kwa lefatsheng la Zimbabwe.
Kwa bofelong Supurintendent Modo o ne a kopa setshaba go emisa go tlodisa dithoto ntleng le go tsena ka dikgoro tsa melelwane ba sa di kgethela le gone go tlola ba sena dibukana tsa mosepele, a kaya fa go dira jalo e le molato oo motho o ka “di gamang a sa di tlhapela” ka go atlholelwa madi kana go tsena kgolegelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Ditlhotlhomiso tsa sepodise
Date : 04 Feb 2015






