Mapodisi a tlhotlhomisa polao le go kgothosa
04 Feb 2015
Mapodisi a Tatitown a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme mongwe a neng a latlhegelwa ke botshelo morago ga gore ba tlhaselwe ke banna ba baneng ba ba pegile go tswa kwa Nata.
Mogolwane wa mapodisi a Tatitown,Superintendent Cyprian Magalila a re tiragalo eo e diragetse fa Sebina cross mo tseleng ya Francistown-Maun ka Matlhatso bosigogare.
Supt Magalila a re go bolelwa fa rre wa koloi yo o neng a tswa Kasane a pegile batho ba babedi a ne a pega borre bao ba bane kwa Nata.
O boletse fa e rile koloi eo e ema fa Sebina cross, borre bao ba tlhasela mokgweetsi. Mo tlhaselong eo, go ne ga utlwala sengwe se thunya ekete tlhobolo mme mosadi yo a neng a palame koloi eo, a bona ntho e masisi mo tlhogong.
A re go bolelwa fa dilalome tseo di ne tsa sia ka koloi eo e e bulegileng (van). Supt Magalila a re ba ile ba ragosetsa mme yoo kwa kokelong ya Nyangabgwe kwa go tlhomamisitsweng a tlhokafetse. Setopo se kwa setsidifatseng sa kokelo ya Nyangabgwe go tlhatlhojwa ke dingaka.
O ile a tlhalosa fa ba ise ba tshware ope mabapi le tiragalo eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 04 Feb 2015






