Dithuso di a diega - Kadimo
04 Feb 2015
Banni bangwe ba Hereford mo kgaolong ya Kgalagadi ba ngongorega ka dithuso tsa nyeletso lehuma tse ba neng ba di solofeditswe mme di ise di diragadiwe.
Ngongerego e e supilwe ke Mme Olebogeng Kadimo kwa motseng oo mo puisanong bosheng. Le fa go ntse jalo bangwe ba ne ba nna lesego ba thusiwa ka meriti ya ditshingwana le ditanka tsa metsi bo ba lemelwa merogo fa ba bangwe ba ne ba thusiwa mme ba bo sa lemelwe sepe.
Mme Kadimo a re o ne a lemoga gore dijo tse a di fiwang ba boipelego le madi a o amogelang a le mannye thata e bile a ka se kgone go itshetsa ba lelwapa la gagwe.
O boletse fa a gwetlhilwe ke mabaka ao mme o ne a isa selelo sa gagwe sa letlhoko kwa go ba boipelego gore le ene a tle a kgone go thusiwa ka sengwe se a ka itshetsang ka tsone. Mme o ne atlega ka ngogola a thusiwa ka tshingwana ya merogo.
O ne a agelwa tshingwana ya merogo le go fiwa tanka ya metsi. O ne a tswelela a tlhalosa fa go bona a agelwa tshingwana eo, go ne ga tsisa boitumelo fela thata mo botshelong jwa gagwe ka o ne a simolola go nna le tsholofelo e ntsi ka o ne a akanya gore jaanong botshelo jwa gagwe bo tla fetoga.
O supile fa a ne a nna pelo telele a emetse gore a tle go thusiwa ka go lemelwa merogo mme nako kgolo ke eno.
O ne a nna fela a solofetse go ba bona ba goroga nako nngwe le nngwe, ka tsholofelo e sa tlhabise ditlhong. A re morago jaanong o ne a felelwa ke tshepo ka go ne ka go ne go sena ope yo o bonalang go tla go ba tlhalosetsa gore go diegile fa kae.
O supile fa a sa itumelela se se mo diragaletseng ka go mo utlwisa botlhoko gore tsatsi le letsatsi fa a tsoga maphakela a bo a bona tshingwana e e ntseng fela mo jarateng ya gagwe mme e sa mo sologele molemo ka sepe.
O tlhalositse fa le ntswa a ise a thusiwe mo nakong ya gompieno tsholofelo e le gore nako nngwe a ka thusiwa a tla dira kanatla go fetola ditoro tsa gagwe nnete. O ne a tswelela a supa fa seo se tla mo thusa go ikagela ntlo e e ka dirisiwang ke ene le bana ba gagwe.
Mme kadimo o ne a feleletsa ka gore fa motho a neetswe sengwe gore a itshetse o tshwanetse go tlhokomela se a se filweng ka sejo sennye se sa fete molomo, o kopile bangwe ka ene gore ba tlogele go nna ba ngongorege fela le fa ba thusitswe.
A tlatsa ka go ba gakolola gore ba seka ba ikaega fela mo pusong mme ba ikemele ka dinao ka mokodua go tsosiwa oo itekang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepiso Tsietso
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 04 Feb 2015






