Thuto ke boswa - Keobokile
04 Feb 2015
Moefangele, Rre Lloyd Keobokile, a re go na le banana bangwe ba ba tsayang gore go bereka ba sa le bannye le gone ba sena ditankana ke yone tsela.
Mo potsolosong bosheng, Rre Keobokile o supile fa a tshwenngwa ke seemo sa banana ba ba felelang mo lekwalong la boraro (Form 3) ba tsaya fa ba feditse sekolo ebile e le batsadi ka jalo ba felela ba tsena mo ditirong tsa botlhoka tsebe.
O supile fa thuto e le botlhokwa thata ebile e le boswa jo bo ka sekeng jwa tsewa ke ope ka jalo o kaile fa a kopa banana go rata thuto.
Rre Keobokile o supile fa go na le thuto ya diatla kwa dikolong tsa ithutelo tiro ya diatla ka jalo monana o kgona go tsweledisa fa a paletswe mo lekwalong la boraro le botlhano.
O kaile fa banana ba ba dingwaga tse di lesome le borataro go ya kwa go tse di lesome le boferabobedi ba feleletsa ba ithwadisa basetsanyana mo magaeng ka lebaka la go tsaya gore ba feditse sekolo ebile ke batsadi selo se a kaileng se le borai thata mo matshelo a bone.
“Batsadi ba tshwanetse go itse gore ngwana ga a kake a golela motsadi wa gagwe ka jalo ba tshwanetse go kgalemelwa le go tsengwa mo tseleng”, go bua Keobokile
Rre Keobokile o supile fa banana ba felela ba fodugela kwa ditoropong ka maikaelelo a go batla botshelo jo bo botoka le ditiro gore ba kgone go bona madi.
O supile fa banana ba palelwa ke go bona ditiro ka lebaka la gore ga ba na ditlankana tse di supa ditiro tse ba ka di berekang ka jalo ba feleletsa ba tsena mo ditirong tse di feletsang di ba tsenya mo ditoronkong kgotsa di ba tseela matshelo a bone.
“Mo ngwage ee fitileng go ile ga tsoga dikgang tsa bosatani mme bontsi jwa bone ke banana selo se se utlwisang botlhoko re labile banana e le bokamoso jwa lefatshe la Botswana”, go bua Keobokile.
Rre Keobokile o kaile fa nako e setse e tsile ya gore banana ba tsee thuto ya bone ka tlhwaafalo gore ba kgone go itirela bokamoso jo bo botoka.
“Re mo go 2015 mme go setse dikgwedinyana fela gore re tsene mo go 2016 ka jalo go tlaabo go le maleba gore, re le Batswana le fitlhelele maikaelelo a dipilara tsa rona jaaka ya gore re bo re le tshaba e e itseng e rutlegileng”, go bua Keobokile.
Rre Keobokile o supile fa thuto e le lesedi ka jalo fa motho a na le yone o kgona go lebela pele e bile a ka na le boikarabelo mo botshelong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keswetseng Samokunda
Location : Maun
Event : Potsolotso
Date : 04 Feb 2015






