Breaking News

Bangwe ba ikanya morula

04 Feb 2015

Bontsi jwa bomme ba kgaolo ya Tswapong ba titiela majalwa a a farologanyeng mo malwapeng jaaka khadi, bojalwa jwa legapu kgotsa setopoti jaaka bo bidiwa le jwa morula gareng ga a mangwe.

E re le ntswa Batswana ba ba itshetsang ka ditiro tsa Setswana ba lela ka pula e e boutsana, e e bakileng tiego mo temong ga mmogo le phane e e boutsana, bangwe ba re ba tlaa dika ba ithusitse ka morula ka one o le montsi.

Bomme kwa metseng e e farologanyeng ya Tswapong, ba gasame le mafelo a a nang le ditlhare tsa morula go bapala leungo leo gore ba kgone go itshetsa le ba malwapa a bone.

Mme Nkoi Richard wa Machaneng ke mongwe wa bomme ba ba inaakantseng le kgwebo e. Mme Richard a re ga gona ngwaga o o fetang a sa tsena mo kgwebong ya bojalwa jwa morula le go thula dicheru ka di le bogadi bo gaufi.

O tlhalositse gore bojalwa jwa morula bo dirwa ka maungo a morula go bo go tshelwa metsi a se mantsi, ga bo tlhoke metswako epe gape. A re gape morula le one ba o tsaa sesolo mo tikologong.

Fa a tswelela a tlhalosa ka bojalwa jo ja morula, Mme Richard a re ka fa bo dirwang ka teng le gone go motlhofo, a tlatsa ka gore se se tlhokegang fela ke nako. O tlhalositse gore morula o o siametseng go dira bojalwa ke o o boduleng e bile o fetlotse mmala o ntse lephutshe gape o na le tlatso e e sukitshana. O tsweletse ka gore bojalwa jo, bo dirwa ka tsina ya leungo le la morula.

“Go tlhokega foroko kgotsa leswana fa go tlhabelwa morula, o ka dirisa sekotlele se segolwane kgotsa emere go tsenya morula o o tlhabetsweng ka gore morago ga go tlhabela, o tlaa bo o simolola go duma morula oo ka diatla metsotso e e sa fetleng masome a mabedi,” ga tlhalosa Mme Richard.

A re morago ga go duba o tlaa bo a ntsha ditlhapo tsa morula a di baa sentle go tla a di thula dicheru a bo a bidisa tsina gore e nne jone bojalwa. O supile gore, gore bojalwa jo bo nne mo seemong sa go ka nowa go tsaa nako e khutshwane e e sa fetleng dioura tse masome a mabedi le bone.

O boletse fa sekale sa bojalwa jo, e le lebotlele la mayonnaise la 750g le tlhwatlhwa ya lone e leng P3. Fela jaaka majalwa a sekgoa, Mmamorizo jaaka banwi ba nno eo ba mmitsa, a re bojalwa jo, ga bo rekisetswe ope yo o dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi.

O kaile gore bojalwa jo, bangwe ba kgona go bo rekisa kwa mafelong a mangwe jaaka kwa Mahalapye fa ba dirile bo le bontsi. A re go obamela molao wa thekiso ya bojalwa gone ga a go gakololwe ke ope ka a o tlhaloganya. O tsweletse ka gore o tlhabela morula wa gagwe mo masimo ka go le gaufi le fa a o tsayang teng mme morago a o tsee ka sekotsekara go ya go o rekisa kwa gae.

A re go tlhabela mo masimo go mo tlhofofaletsa tiro ka a kgona go disa tshimo ya gagwe a ntse a tsweletse a tlhaba morula. Mme Richard a re dipalo tsa batho ba ba gwebang ka bojalwa ja morula ngwaga ono di ile kwa godimo thata.

A re se se raya gore tlhwatlhwa ya thekiso ya morula e ka nna ya wela tlase. O boletse gore gongwe lebaka e ka nna gore batho ka bontsi ga ba a kgona go ya phaneng ka e le boutsana gape e utlwalelwa kwa mafelong a a kgakala le bone.

O kopile bagwebi ba bangwe go sala molao o o tlhomilweng ka 2011 wa thekiso ya majalwa a a titielwang mo malwapeng morago. Mme Richard o tsweletse ka go rotloetsa balemi ba ba tlhabang morula gore ba seke ba sia le morula ba lebala temo ka e le yone botshelo ja bone.

O ne a boa gape a rotloetsa banwi ba bojalwa jo gore ba bo nwa ka boikarabelo. A re go tlhokega gore motho a bo a jele pele a bonwa. A re bojalwa ja morula ga bo na dibelebejang fa bo tshwantshanngwa le majalwa a mangwe a a dirwang ka metswako e mentsi. Fela o ne a supa gore ke bojalwa jo e reng motho a sena go bonwa legano le bo le simolola go kua le batla letswainyana.

Ka jalo o ne a kopa banwi ba bone go emisa mowa wa go utswa dikoko tsa batho fa ba sena go nwa. Mme Richard a re fa morula o sena go kgokologa, fa go tsena paka ya selemo o simolola go thula dicheru tse le tsone a di rekisang gore a kgone go bona madi a go itshetsa.BOKHUTLO

 

 

 

 

 

 

 

 

 

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 04 Feb 2015