Bakwaledi ba thusa monni wa Palapye
04 Feb 2015
Mowa wa go atololela letsogo kwa go ba basaikgoneng e setse ele bontlha bongwe jwa ngwao ya Batswana, segolo jang fa bakopanye go ithona dinta ka ditsamaiso tsa ditlhabololo, jaaka erile bosheng bakwaledi ba maphata a puso ka go farologana b abo bakopanetse mo Palapye gotla go buisana ka ditiro tsa maphata a bone.
Gofetseng dipuisano tsa bone tse ditsereng beke yotlhe, ba ne baikanapa gore batlogele motlhala kwa Palapye, mme ba ne ba kopa ofisi ya boipelego go ba tlela la leina la yo ba bonang a tlhoka thuso.
Ka lesego, Rre Maleko Ntatelang wa dingwaga tse dimasome a ferang bobedi le bobedi (82) wa kgotla ya Serorome kwa Palapye e ne ya nna ene yo monwana o neng wa mosupa.
Bakwaledi bane ba etle lelapa leo mme bafitlhela Rre Ntateleng yo onang le ngwana wa mosadi ale mongwe a ntse mo meriting wa setlhare ka tsholofelo ya gore batlile go fetola botshelo ja gagwe.
Mme rre o ne a abelwa P10 406.00, ga bo ga simolodisiwa ntlwana ya boitiketso ke mokwaledi mogolo wa ofisi ya ga Tautona Rre Cater Morupise.
Fa a bua mo boemong ja bakwaledi o ne a re fela jaaka Batswana le bone ba bone ele tshwanelo go tsenya letsogo mo ditirong tsa gothusa setshaba, mme a supa fa esetse ele tlwaelo go direla Batswana jalo ngwaga le ngwaga fa bakopane.
One are lefatshe leno le ipeetse seelo sa gore le ka thusa jang Batswana ba basaikgoneng, mme puso ya tla ka lenaneo la nyeletso lehuma le Batswana , boradikgwebo , mekgatlho,dikomponele batho ka bongwe ka bongwe basa iponeng tsapa go atlololela letsogo mo go lone ka gofa batho seriti sa bonno jo eleng jone konokono mo botshelong ja motho.
One are madi ao atswa mo dipateng tsa bone ka maikaelelo a godira pharologanyo mo botshelong ja ga Rre Ntateleng. Bontlha bongwe ja madi ao bone ja reka lebati le loko go ntsha le leleng lesa tswalege, a a setse bane ba a neela ba khansele go bona gore a dirisiwa sentle mo go tse di akantsweng.
Ene erile gole pele kgosi ya Serorome Rre Samuel Maforafa a supa boitumelo are fa bagolo ba bona gotlhokega goka tsenya letsogo mo gotlhabololeng motho, b aba ngwe baka palelwa ke eng, ka gotswe “kgosi e are gotlhotsa malata a gogobe”
Mme one a leboga bakwaldi fela thata, mme are le ene one a itlhaopela ngwana yo baneng bam o fiwa mme a kopa gore a a thuswe go feleletsa ntlo e a mo e a getseng ka go e penta.
Erile a tswa la gagwe Rre Ntatelang a a tlhoka ale tlhaeng, mme aba ema ka lefoko are a kgalaleo e nne golona, ratanang le bo le Ratanele botshelo, fela jaaka le amile botshelo jame letsatsi leno,one a ba eleletsa botsogo jo bontle fa pele ga modimo.
Mo mafokong a tebogo, mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Palapye, Rre Koti Molefhi one a solofetsa bagolo fa batlaa sala badira ka natla go bona gore Ntlwana ya boitiketso e a a giwa le gone go oketsa kamore e e teng gonna tse pedi. Rre Molefhi one are ene le bodiredi ja khansele bane bele mo le lwapeng le ka keresemose gotla go abela Rre Ntatelang e ngwana, mme a solofetsa gore tiro eo ya dikgao batlaa bob a efiditse mo dikgwed tse tharo.
Morago bakwaledi bane ba etele kwa mmadikwele wa tsa borenyana mono Palapye BIUST) kwa baneng ba tlhalosediwa ka dithulaganyo tse di dirwa gore bana basimolole dithuto tsa bone le go supa fa dikago tse ele tsa maemo a a kwa gpdimo mme ditsweletse ka go agiwa bane ba tsamasiwa le dikago go di bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Dipuisano tsa maphata a puso
Date : 04 Feb 2015






