Tirisano mmogo konokono
04 Feb 2015
Maloko a koparase ya mabogodika ya batshwara ditlhapi kwa lecheng la Nhabe, ba kopilwe go dirisana le banni ba Sehithwa ga ba e letsa go bona koparase ya bone e tsamaya sentle.
Seo se boletswe ke mogolwane go tswa kwa lephateng la dikoporase la Maun, Rre Donald Masalila kwa phuthegong e e neng e tshwerwe ya lekgotla leo goya go seka seka dintlha tsa botlhokwa tsa go baakanya molao motheo wa bone.
A re fela jaaka Koparase eo e tlaabo e direla kwa motseng wa Sehithwa le tikologo go a tshwanela gore bana ba motse oo banne le seabe mo tsamaisong ya yone, o ne a kopa komiti goikgata motlhala goisa kgang eo kwa bogoging jwa motse gore ba kgone go ba biletsa bana bao mme ba barekisetse mogopolo oo ba bo ba baamogele.
Otlhalositse faa itse sentle gore bontsi jwa bana bakgaolo eo ba katswa bale kwa mokgatlhong wa trust mme a re go botlhokwa gore ba rekisetswe mogopolo oo ba bo baletlelwe gonna maloko, gore le bone banna le seabe mo tlhabololo ya motse wa bone.
O rotloeditse gore le bone ba koparase ba tshwanelwa ke go nna seopo sengwe le ba trust ka a re tsotlhe ke ditiro tsedi tshwanetseng go dumalana ka tlhabololo ya motse wa Sehitwa le banni ba o ne mme ba sa ikgaoganye ka gope go bolaya dikgogakgogano tse di ka nnang teng mo nakong e e tlang.
E re lentswa bangwe bane ba lebete semolangwana ka go boela gape kwa baneng ba motse oo ba bolela fa bane ba sena sepe ka kgwebo ya gotshwara ditlhapi e bile ba babitsa maina le ga babolelela fa ba ba tlaletsa leswe mo motseng wa bone ka tlhapi fela bane ba tswa ka moono wa gotlhopha batho ba le bararo go ya go kopana le bogogi go ba rekisetsa mogopolo gape.
Rre Kelesamile Makgetho yo eleng mothusa modulasitilo wa komiti o ne gape a gakolola maloko ka madi a bone a a saletseng kwa morago a ba a ba itsese gore kana seo seraya gore gagoise gonne le boloko jo bo lekaneng ka jaana ba sa feleletsa dituelo tsa bone tsa boloko, a re faesale bantsha ma P1000 00 fela mme bane ba tshwanetse gontsha ma P1 500.00.
Otlhalositse fa maikaelelo a bone e le gore kgwedi e no e le lesome le botlhano ba bo ba setse ba tshwere setlankana sa koparase a tlhalosa fa ba batlagore e re nako ya letsomo e goroga kgwedi e e tlang ba bo basimolola ditiro tsa koparase.
Modulasitilo wa komiti eo Rre Bareetsi Bogaisang o ne a ba tlhalosetsa gape ka fa batshwanetseng go dira di insurance le diabe tsa bone ka teng gore batle ba kgone go a kola maduo a koparase eo mme a tlatsa ka gore tseo di dirwa fela ke ba e leng maloko a a tletseng.
O ne ba tlhalosetsa gape gore maikaelelo a bone ke gore maloko a tle go a dimiwa madi a a tlaabong a tsenngwa morokotso oo kwa tlase go intsha mo mathateng a pe fela a balebanyeng, a tlatsa ka gore go tlaa nna le dithuto mo malokong ka tsamaiso ya koparase gore e re motho a re ke leloko a ba a kgona go araba dipotso tsotlhe tse a kopanang natso di a ma lekgotla leo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Phuthego ya koporase
Date : 04 Feb 2015






