Batho bale batlhano ba tlhokafetse
04 Feb 2015
Mapodisi a Mahalapye a tlhotlhomisa kotsi emo go yone batho bale batlhano ba neng ba tlhokafala fa bese e ba neng ba tsamaya ka yone e thulana le koloi e nngwe kwa Mmamabula ka Matlhatso.
Mogolwane wa mapodisi a Mahalapye, Superintendent Olefile Badisang a re mo bathong bale masome a mararo ba ba neng ba palame bese eo, go tlhokafetse banna bale bararo le basadi bale babedi fa ba bangwe ba robabongwe ba robaditswe kwa kokelong ya Mahalapye ka dikgobalo tse di farologaneng.
Rre Badisang o boleletse ba lekalana la dikgang gore kotsi eo e diragetse fa bese eo, ene etswa Francistown e ya Gaborone, fa bese e thulana le koloi e e rwalang dikoloi tse dingwe kwa Mmamabula.
Rre Badisang a re ba santse ba batisisa gore batho ba ba tlhokafetseng ba ka tswa ba tlholega kwa metseng efe. A re ba santse ba tshegeditse mokgweetsi wa bese eo gammogo le wa koloi go ba thusa mo ditlhothomisong. Ka nako ya kgang e e kwalwa maina a baswi ane a santse a lobilwe go fitlha ba masika ba itsisiwe
A re basadi ba robabobedi le monna ale mongwe fela ba robaditswe mo kokelong ya Mahalapye ka dikgobalo tse di masisi fa mosadi mongwe ene a huduseditswe kwa kokelong ya Princess Marina kwa Gaborone fa ba bangwe bane ba alafelwa dikgobalo, mme morago ba gololwa.
Fa dikgang dieme jalo Rre Badisang o tlhagisa setshaba segolo jang ba metse ya Tewane,Radisele,Mogome, Mokgware gammogo le ba meraka le masimo amo tikologong jaaka Bikwe, Rakabeswa le Mmite go ikela tlhoko mabaopi le ditlou tse di bonweng kwa motsing wa Tewane.
Kgosi Kerapetse Kalanke wa Tewane o bolela fa batsadi ba meraka emo tikologong ba emisitse go isa bana ba bone sekoleng kwa Tewane ka ntlha ya go tshaba ditlou tseo, tse go bolelwang dile tlhano ka palo.
Mogolwane wa lephata la diphologolo le makgabisa naga kwa Machaneng Mme Gaboutwele Tshukudu, o boleletse ba lekalana la dikgang la BOPA mo potsolotsong gore ditlou tseo, tse go belaesegang ditswa kwa kgaolong ya Boteti jaanong go lebega di aname le mafelo a dikgaolo tsa Serowe Borwa, Sefhare/ Ramokgonami le kgaolo ya Lerala/Maunatlala.
Mme Tshukudu o kopa setshaba go emisa mokgwa wa go tika ditlou tseo ka mantswe kana go di saeletsa dintsa ka jaana di ka nna borai mo matshelong a bone. A re ditlou tseo ditsweletse ka go dira tshenyo ka jaana dikgaola diterata tsa masimo le terata ya melelwane ya thibelo kanamo ya malwertse a loruo.
A re badiri ba lephata la gagwe kwa Machaneng ba setse ba bolotse go latela ditlou tseo kwa Tewane le mafelo amo tikologong jaaka Mogome, Mokgware, Radisele, Bikwe le meraka ya Rakabeswa le Mmite. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Ditlhotlhomiso tsa sepodise
Date : 04 Feb 2015






