BCL e fa dikgolegelo dimpho
03 Feb 2015
Mookamedi wa moepo wa BCL, Rre Dan Mahupela, a re setshaba se santse se sa itse ka botlalo ka lefelo le go tlhokomelelwang magolegwa kwa go lone gore le kgona go etelwa.
Rre Mahupela o tlhalositse se fa a ne a rola dimpho tse ba neng ba di abela ba dikgolegelo kwa Selebi Phikwe, a re ke lefelo le go nnang batho ba ba tlhokang dilo tsa botlhokwa mo botshelong mme ka go tlhoka kitso setshaba se itse fa puso e le yone e tshwanetseng go tsaya boikarabelo ja go tlhokomela magolegwa, mo bangwe ba bone ba masika ba ba latlheletseng.
O tlhalositse fa Batswana ba na le tebelopele e e ipeetsweng ke lefatshe e e tshwanetseng go salwa morago le go tsenngwa mo tirisong, a re e le ba BCL ba aba ba setse morago letshego la tshaba e e kgathalang ka matshelo a batho ba bangwe.
Rre Mahupela o ne a tlhalosa gore motho ka bonosi o tshwanetse go nna le lorato le tlhompho mo bathong ba bangwe ,a re didirisiwa tse dingwe tse ba di abang e a bo e le go rotloetsa magolegwa gore fa ba fetsa katlholo ya bone ba bo ba anyile talente e ba ka yang go itshetsa ka yone, a tlhalosa gore mananeo a teng ke a a rotloetsang talente ya Batswana go itshetsa.
BCL e ne ya aba dilwana tsa tlhwatlhwa ya P17 000 di akaretsa didirisiwa tsa go tlhapa le diletso di akaretsa katara,le keyboard. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Kabo dimpho
Date : 03 Feb 2015






