Kereke e abela motlhoki ntlo
03 Feb 2015
Kereke ya Family Of God ka Labotlhano (30/01/2015) e abetse motlhoki ntlo kwa Kopong morago ga go lemoga fa ba lelwapa leo ba ne ba na le letlhoko le le ntsi ebile ba sena fa ba bayang tlhogo teng .
Mme Bonang Ramheedi yo o dingwaga tse masome matlhano le boferabobedi, o amogetse ntlo ya dikamore tse pedi ka boitumelo jo bogolo mo ebileng a ne a mo feletse a le tlhaeng.
Mme Ramheedi a re o na le bana ba le boferabobedi le bana ba bana ba le lesome le borataro mme ba ne ba nna mo ntlong ya kamore e le nngwe pele fa kereke e ba agela ntlo.
A re se kereke ya gagwe e se mo diretseng se segolo thata ebile o leboga Modimo go bo jaanong le ene a na le seriti a tshwana le batho ba bangwe.
Erile a bula ntlo eo semmuso, mothusa tona mo lephateng la Ofisi ya ga Tautona le Bodirelapuso, Rre Phillip Makgalemele, a akgola ba kereke ya Family of God go bo ba bone go tshwanela go tsaya karolo mo lenaneong la ga Tautona la go thusa go agela ba ba dikobo dikhutshwane bonno.
O kaile fa se ba se dirileng e le sekao sa boeteledipele jo bo nang le kutlwelo botlhoko le lorato mo go ba ba tlhokileng Lesego mo botshelong. Rre Makgalemele o bile a tlatsa ka gore seo ke sekao sa gore ba kereke ya Family of God ba na le mananeo a ka one ba rotloetsang Puso gore e kgone go atlega mo Tebelongpele ya setshaba ya ngwaga wa 2016.
O boile gape a galaletsa kereke go bo ba nnile le seabe mo go thuseng go lwantsha botlhoka tsebe jwa bana ko sekolong sa Maun Senior Secondary mo dikgweding tse di fetileng fa ba ne ba rapedisa bana ba baneng ba inaakantse le ditiro tse di maswe. Tona a re maiteko a kereke a bonetse ka jaanong seemo se bepile ka lefoko la Modimo le ba agile sesha mo ebileng ba tlhwaafaletse dithuto tsa bone. Le fa go ntse jalo, tona o kopile ba lelwapa loora Ramheedi gore ba tlhokomele ntlo e ba e abetsweng gore ba kereke ya Family of God ba tle ba kgothatsege ba dire go feta mo ba go dirileng.
Fa a tswa la gagwe, moruti wa kereke ya Family of God Bishop Seamogetswe Keoleletse a re kereke ya bone e tsere tshwetso ya go thusa maloko a kereke a a nang le botlhoki pele ka lenaneo le le bidiwang Family Sunday. A re mo lenaneong le phuthego nngwe le nngwe e itebaganya le dikgwetlho tsa malwapa ba bo ba thusa batho ka go farologana go ya ka matlhoki a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : KOPONG
Event : Kabo ya mpho ya kereke
Date : 03 Feb 2015






