Breaking News

Tema ya 2016 e a bonala

03 Feb 2015

Motshwarelela molaodi wa Francistown, Rre Boyce Mangole, o supile fa tema ya tebelopele ya setshaba ya ngwaga wa 2016 e na le maduo a a kgatlhisang.

Rre Mangole o buile jalo mo potsolotsong bosheng, a tlhalosa fa bontsi jwa matshego a a agang tebelopele e a supa fa a atlega mo toropong ya Francistown le metse e mengwe e e gaufi.

A re matshego la setshaba se se rutegileng e bile se na le kitso, la setshaba se se kutlwelo botlhoko e bile se rata tshiamo, la setshaba se se sa fitlheng sepe, ya puso ya batho ka batho ga mmogo le a mangwe a itshupa a dira sentle. 

Rre Mangole a re tema ya letshego la setshaba se se rutegileng le itshupa ka maduo a a kgatlhisang a dikolo tsa toropo eo di tsweletseng ka go a ntsha. A re maduo ao a tsweletse ka go tokafala mme a tlatsa ka go supa fa a dikolo tse dipotlana a di goga kwa pele.

O bile a tlhalosa gape fa mananeo a puso a a rotloetsang katlego ya letshego a tseetswe kwa godimo.

Motshwarelela molaodi a re bontsi jwa banana ba supile kgatlhego ka ba ne ba ikwadisitse ka dipalo tse di kwa godimo mo lenaneong la go boela sekolong (Back-to-school). Go sale foo, Rre Mangole a re le fa megopolo ka bontsi e e rotloetsang katlego ya letshego la tshaba e e rutegileng e le ya puso, se se itumedisang ke gore katlego ya yone ga ya fetoga go nna morwalo wa puso fela.

O boletse fa lenaneo la Adopt-a-school (Go itebaganya le sekolo sengwe) le le lone le rotloetsang katlego ya letshego le, le amogetswe ka tsoo pedi ka jaana makgotla a a ikemetseng, bagwebi le ba bangwe ba ithaopa ka bontsi go thusana le dikolo tebang le merero ya thuto. 

Molaodi o supile gape fa letshego la tshaba e e kutlwelo botlhoko le lone le emetswe ka dinao, a tlhalosa fa Batswana ba bangwe ba tsweletse ka go ithaopa go thusa ba ba dikobo dikhutshwane.  A re se se kgatlhisang ke gore baithaopi ba, ba diragatsa ditiro tse tsa kutlwelo botlhoko, ka ditshenyegelo tsa bone, mme e bile ba dira ka lorato le boineelo.

Go sa le foo, Rre Mangole o gwetlhile Batswana go tsweledisa ditiro tse di ka tswelelang di rotloetsa katlego ya matshego a mangwe gore a se salele morago. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 03 Feb 2015