Breaking News

Monna wa legolegwa o tlhokafetse

03 Feb 2015

Monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mane le bone wa legolegwa o fitlhetswe a tlhokafetse kwa kgolegelong ya Lobatse, mme go belaesega a ikgapetse botshelo.

Mogolwane wa  kanamiso mafoko kwa lephateng la dikgolegelo Senior Superintendent  Wamorena Ramolefe  o rurifaditse se mo potsolotsong bosheng. A re monna yoo o tlhokafetse kgwedi ya Firikgong e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bosupa.

Senior Suprintendent Ramolefe  a re  monna  yoo  o  ne a tshwaretswe molato wa polao, le fa go ntse jalo ditlhotlhomiso tsa mapodise  di sa ntse di tsweletse go bona se se bakileng leso. Setopo  sa  gagwe se kwa kokelong go tlhatlhobiwa ke  dingaka le go rurifatsa se se bakileng leso.

Ba masika a moswi ba setse ba itsisitswe ka tiragalo e, le gore e tlaa re morago ga ditlhotlhomiso le ditlhatlhobo tsa dingaka ba neelwe moswi go mmoloka.  

A re moswi o tlholega kwa Tonota kwa kgotleng ya Mmandunyane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : Ditlhotlhomiso tsa sepodise

Date : 03 Feb 2015