Breaking News

Kgotla e botlhokwa

03 Feb 2015

Batswana ba gwetlhilwe go tlotla le go tsaya tsia kgotla ya Setswana ka e na le mosola mo matshelong a bone.

Fa a bua mo potsolotsong kwa Kolonkwaneng bosheng, kgosana ya motse oo, Mme Kgalalelo Matshogo o boletse fa kgotla e le pinagare ya setshaba ka merero yotlhe ya ditlhabololo tsa motse e dirwa mo go yone, a kaya fa kgotla e le lefelo le batho botlhe ba motse ba bonang sebaka sa go kopana mme ba neelane megopolo ya go tlhabolola diemo tsa matshelo a bone go ya pele.

Kgosana o tlhalositse fa ditiro dingwe tse di faphegileng tsa motse jaaka meletlo e e amang ngwao di dirwa mo kgotleng. O boletse fa go nyadisiwa ko kgotleng, a tlatsa ka gore bogadi bo ntshiwa teng mme gape fa banyalani ba sa utlwane ba letlanngwa ko kgotleng.

O tsweletse ka go supa gore kgotla e rotloetsa tirisanyo mmogo, kutlwano le mowa wa kagisano fa gare ga batho, a bolela fa batho ba letlanngwa kwa kgotleng fa ba na le dikgotlhang kana diphapaang gore ba tle ba kgone go tshedisanya mmogo sentle go sena dintwa.

O tlhalositse gape gore fa motho a dirile molato mme a tshwanelwa ke kotlhao, o sekisiwa a bo a otlhaiwa kwa kgotleng go lebeletswe bokete jwa e a e sekisediwang, mme se se thusa thata go lwantsha borukutlhi le boganana mo setshabeng mme se tsale pabalesego le go tshela ka tshosologo ga batho.

Kgosana o ne a galaletsa banana ba motse oo, a kaya fa ba le boikobo ebile ba na le boikarabelo ka ba reetsa dikgakololo tsa batsadi le jone bogogi jwa motse tota mme a ba rotloetsa go tswelela ka mowa oo ka o ka ba isa golo gongwe mo botshelong.

O boletse fa go sena dikgang tse dintsi tsa boganana le borukutlhi mo motseng wa Kolonkwaneng, a tlhalosa fa ba na le komiti e e itsetsepetseng ya twantsho borukutlhi, mapodise a boithaopo a a tlhaga a a dirang go bonala go lwantsha borukutlhi.

Kgosana o ne gape a akgola morafe wa Kolonkwaneng a bolela fa ba tsena diphuthego tsa kgotla sentle, a re se ke sekao se sentle thata mo baneng ka e tlaa re mo isagong ba itse gore pilediwa e a lwelwa mme ba nne tlhaga go tsenelela diphuthego tsa kgotla ka ba bone seo mo batsading ba bone mo kgolong ya bone. 

Kgosana o rotloeditse Batswana ka kakaretso go ruta bana ka botlhokwa jwa kgotla, a supa fa bana ka bontsi ba le mo lefifing fa go tla mo dikgannyeng tse di amang kgotla ya Setswana mme se se sa siama ka kgotla e le bontlha bongwe jwa ngwao ya Batswana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Manene

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 03 Feb 2015