Breaking News

Dinkgwana di tshetsa Botsheleng

03 Feb 2015

Mme Tuduetso Botsheleng wa Khuis kwa kgaolong ya Kgalagadi o simolotse kgwebo ya go bopa dinkgwana tsa mefuta e e farologaneng ka ngwaga wa 2006.

A re kgwebo e, ke yone a e dirisang go itshetsa le ba lelwapa la gagwe.

Nako ya fa a simolola tiro ya go bopa o ne a itirela mo lwapeng se e le tsela ya go intsha bodutu mme a sa bone fa se se ka fetoga go nna kgwebo.  O supile fa a godile fela a sena kakanyo ya go ka bopa mme mogopolo o, o ne wa mo tlela ka ngwaga wa 2006 fa a ne a itirela mekgabisa ya mo lwapeng fela. 

A re o ne a dirisa boloko le mmu go bopa dinkgwana tse dinnye tse di beelang dithunya.  O tlhalosetse fa a ne a tsaya nako e ntsi go bopa ka gore o ne a batla gore mmu le boloko di ome pele, e bo e le gone a tswelelang ka go di tshuba gore di lebege jaaka a batla.

Mme Botsheleng a re e ne ya re fa a fetsa go dira se, batho ba supe kgatlhego, ba kope gore a ba direle. O ne a dira jalo mme a ba kope gore ba mo tlhatswe diatla. Se se ne sa mo gwetlha gore a fetolele go bopa go nna kgwebo. 

O supile fa se, e ne ya nna yone tiro ya gagwe ya malatsi otlhe. O tlhalositse fa batho ba motse wa gagwe ba ne ba mo rotloetsa gore a e go supa dinkgwana tsa gagwe kwa ditshupong tsa kgaolo ya Kgalagadi Borwa ka ngwaga wa 2011. 

Ditshupo tseo di ne tsa fetola botshelo jwa gagwe fela thata ka gore batho ka bontsi ba ne ba supa kgatlhego e kgolo thata mo tirong ya gagwe.  Ba lephata la boipelego mo khanseleng le bone fela jalo ba ne ba itumelela tiro e, ba felela ba mo isa kwa dithutong tsa go bopa dibeke tse pedi kwa Makopong.

O ne a tlhalosa fa dithuto tse di ne tsa mo fa lesedi le le tseneletseng ka tiro ya go bopa.  O supile fa a ithutile fela go le go ntsi mo dithutong tseo ka o ne a rutiwa le go bopa ka mmopa, se e le tsela ya go tlhofofatsa tiro ya gagwe.

O ne a tswelela a tlhalosa fa theko ya dinkgwana e le ntsi fela thata mo kgaolong ya Kgalagadi ka di sa nne lobaka di sa rekiwe.  “Batswana ba rata dinkgwana tsa me fela thata se se dirwa ke gore kgwebo ya teng ga e ntsi ka kwano ka ebile di supa boleng jwa ngwao ya rona”, a tlhalosa.

Botsheleng a re batho ka bontsi ba batla dinkgwana tse gore ba tle ba kgabise matlo a bone gape di tsenya malwapa a bone seriti sa gore ke Batswana ba ba sa ntse ng ba tshwere ngwao. 

A re ba bangwe ba di dirisa mo meletlong jaaka manyalo go tsenya dithunya. Kgwetlho e a kopanang le yone thata ke ya go tlhoka mmopa lebaka le le leele ka go bo a o tsaya kgakala kwa Kanye.

 O tlhalositse fa madi le one e le kgwetlho ka a ka se kgone go nna a ya Kanye beke le beke a re o ya go tsaya mmopa.  O ne a tswelela a re dinako tse dingwe dinkgwana di kgona go gana go wela mo tebegong go ka rekisiwa mme se, se busetse kgwebo kwa morago.

A re le ntswa tiro ya go bopa e le boteke o solofela gore mo dingwageng tse di tlang e bo e godile a dira dilo tsa go bopa di le dintsi ebile e le tsa mefuta e e farologanyeng.

Mme Botsheleng o gwetlha Batswana gore ba sale ditoro le ditalente tsa bone morago ba seka ba di itsapela ka gore di ka fetola matshelo a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshepiso Tsietso

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 03 Feb 2015