Breaking News

Baithuti ba rotloediwa go tsaya thuto ka tlhwaafalo

03 Feb 2015

E ne ya re bosheng barutabana ba sekole  se segolwane sa Matshekge, mapodisIle baruti ba dikereke ba tshwara phuthego kwa sekoleng seo e maikaelelo a yone e leng go rotloetsa baithuti go tsaya thuto ka tlhwaafalo.

Phuthego e tla jaana morago ga gore mogokgo Rre Baboloki Bajiti a ikuele mo bogoging jwa motse makalana a a ikemetseng le baruti ba dikereke tsa motse, ka kwelo tlase ya maduo a lekwalo la ditlhatlhobo tsa mophato wa botlhano a a sa jeseng di welang.

Moruti wa kereke ya Overcomers Christianity Youth Group, Rre Edwin Olatotse o ne a ema baithuti ka lefoko le go ba rotloetsa go tsenya marapo mo dinameng ka gore ke bone baeteledipele ba lefatshe leno, a re ba tshwanetse go dirisa nako ya sekole go bala thata go ipetlela isago.

Rre Olatotse o gwetlhile baithuti go tsaya thuto ka tlhwaafalo, gore e re ka moso ba bo ba le mo seemong sa go tlhabolola le go tlhokomela batsadi ba bone.  

O tsweletse a tlhalosa fa thuto e le thebe ka jalo ba tshwanetse go ikgapa mo maratong ka a ka ba senyetsa bokamoso.

Fa a latlhela la gagwe mogolwane wa sepodise mo Bobonong, Rre Michael Maphephu, o ne a re dino tagi, motokwane di fitlhelwa thata mo baithuting 

Rre Maphephu a re bontsi jwa baithuti ba santse ba ganelela mo dipotong le kwa dibareng mme a supa fa mafelo a e le one kwa dipetelelo le ditagi di bonwang teng.

O kaile fa ba tlaa tseela baithuti  ba ba ka fitlhelwang ka motokwane dikgato tse di gagametseng ka o sa siamela matshelo a bone.

Fa a bua mo phuthegong eo, mogokgo wa sekolo seo, Rre Baboloki Bajiti o supile fa sekole sa Matshekge se ntse se sa dire sentle mo dithutong segolo jang mo maduong a baithuti ba ba fetsang mophato wa botlhano.

O supile fa go tlhoka tsebe ga baithuti e le nngwe ya tse dirang gore maduo kwa sekolong seo a wele tlase a ba a gatelela fa tiriso ya ditagi, dintwa gareng ga baithuti le tshenyo ya didirisiwa e le dingwe tse di itsang gore baithuti ba dire sentle. .

Rre Bajiti o tlhaloseditse baithuti go nna le boikarabelo mo thutong ya bone a ba a ba rotloetsa go tsaya thuto ka tlhwaafalo ka e le yone e ka ba bulelang dikgoro tsa katlego mo botshelong.

A re mokgwa wa phadisano gareng ga baithuti ke one o ka ba thusang go tsholetsa maduo a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moses Moleboge

Location : BOBONONG

Event : Phuthego ya sekolo

Date : 03 Feb 2015