Go ipolaya ga se tharabololo
03 Feb 2015
Mogolwane wa mapodisi a Kanye, Superintendent Kealositse Konyana a re go ipolaya ga se tharabololo ya mathata.
Superintendent Konyana o buile mafoko a mo potsolosong morago ga gore lekawana la dingwaga tse di masome mararo le bongwe la Lotlhakane East le ikgapele botshelo ka go ikaletsa bosheng.
A re lekawana leo le ne le na le kgang le mapodisi selo se a reng ga a itse gore a se ka tswa e le sone se bakileng tiragalo e ya go ikgapela botshelo ga lekawana le. Superintendent Konyana a re lekawana le e rile bosheng la tlhaba mokapelo wa lone ka thipa, mme a supa fa le sa tlogela molaetsa ope.
A re lekawana leo le ikaleditse mo ntlong ya ga kgatsadie ee sa nneng ope mme ka lesego a begwa ke mongwe yo o neng a batla sengwe kwa lwapeng leo maabane.
A re lekawana leo le dirisitse waere go ikaletsa e bile go lebega le ikaleditse ka Matlhatso, mme ngaka e tlhomamisitse fa a tlhokafetse. Superintendent Konyana a re fa batho ba na le mathata ba ne ba begela batsadi kgotsa ba bona bangwe ba molao ba tshwana le mapodise,ba boipelego, dikgosi le baruti a tla a re go ikgapela botshelo ke boleo.
Fa dikgang di eme jalo mapodise a Kanye a tshegeditse lekawana la dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano le ene e le wa Lotlhakane East ka molato wa go itaya monna wa dingwaga tse di masome a marataro le boraro ka logong a bo a mo gobatsa.
Superintendent Konyana a re tiragalo e e diragetse ka Sontaga teng kwa Lotlhakane morago ga gore bobedi jo bo tlhoke kutlwisisano kwa masimo, mme morago rre yoo a tsaya fa kgang e fedile a bo a ya gae kwa mosimane a fetileng a mo iteela teng.
A re kgang e simologile fa monnamogolo a kgalemelela wa mosimane go tlhapatsa yo mongwe wa molekane wa gagwe, a re kwa morago mosimane o ne a itaya monnamogolo a mo fitlhela kwa gae. Gontse go le foo batho ba erileng mo bosheng ba gobatsa Kgosi Searobi wa Lotlhakane ba tlaa sekisiwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : Kanye
Event : Potsolotso
Date : 03 Feb 2015






