Ba inaakantse le metshelo
03 Feb 2015
Metshelo e supilwe e le nngwe tsela ya go tokafatsa matshelo mo Botswana ke ka moo batho ka bontsi ba tsweletseng ka go e tsena.
Mme mongwe yo o boneng mosola wa motshelo ke Mme Neo Godirang. O boletse fa a tsene motshelo fa botshelo bo mo ketefalela a sena go tlhokafalelwa ke monna yo e neng e le ene a tsisang dijo mo lwapeng.
A re madi a motshelo a thusa bana ba gagwe fela thata ka a kgona go ba rekela dijo le diaparo tsa sekolo.
O supile fa a bona thotloetso e ntsi mo go bomme ba motshelo ka ba sa thusane ka madi fela mme ba gakololana ka tsa matshelo le go supa lorato mo setshabeng ka go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
A re ba dira meletlo ya dijo le go adimisa madi e le nngwe tsela ya go oketsa madi a ba nang nao mo motshelong. Mme Godirang a re o rotloetsa batho go tsenelela metshelo a tlhalosa fa e se ya bomme fela le borre ba ka o tsenelela go tokafatsa matshelo a bone le go rutana ka tsa matshelo.
A re batho ba santse ba gana go tsenelela metshelo ka ba nna ba utlwa gotwe ba bangwe ba ja madi a ba bangwe mme a tlhalosa fa malatsi ano madi a bewa kwa dibankeng.
Mme Wedu Ntolo wa dingwaga tse di masome mararo o boletse fa motshelo e le selo sa botlhokwa ka se mo thusitse fela thata le ba lelwapa la gagwe.
A re o tseneletse motshelo ka ngwaga wa 2012 morago ga go bona bomme ba bangwe ba tsweletse ka go tokafatsa matshelo a bone ka metshelo. Se se ne sa dira gore le ene a rwale ditlhako jaaka bomme ba bangwe a tsenelele motshelo.
A re o kgonne go feleletsa ntlo ya gagwe le go reka dilwana tsa mo ntlong. Mme Ntolo a re motshelo wa bone o dirwa ke bomme ba ba lesome le boferabobedi ba ba itlamileng go ntsha madi a a kana ka dipula tse di lekgolo kgwedi le kgwedi le go rekelana dimpho tse gantsi e leng dilwana tsa mo lwapeng. O supile fa ba thusana mo manyalong le mo dintshong go supa lorato le tirisanyo mmogo.
A re motshelo ke nngwe tsela gape ya go tiisa botsalano, lorato le kagiso mo motseng. O tlhalositse fa ba ntsha madi a mangwe a a kana ka dipula tse di lesome kgwedi le kgwedi mme ba a dirise ngwaga o fela go reka dijo tse ba di kgaoganang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Clara Thamae
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 03 Feb 2015






