Breaking News

Banni ba batla tiragatso ya ditsholofetso

03 Feb 2015

Banni ba metse ya Mulambakwena le Mosojane mo kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima ba re ba tshwenngwa ke go bo ditlhabololo dingwe tse ba nnang ba di solofediwa di se ke di diragadiwa.

Ba ntshitse matshwenyego ao mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa bone Rre Biggie Butale kwa metseng eo, kgwedi ya Hirikgong e le masome a mabedi le boferabobedi.

Ba re ba tswa kgakala ba lela ka tsela ya Tshesebe-Mosojane-Mulambakwena mme ba nna ba solofediwa fa dithulaganyo tsa go dirwa ga tsela eo di dirilwe, fela ditsholofetso tseo di felele mo phefong.

Ba ne ba bo ba kopa ditlhabololo di le mmalwa mo metseng ya bone, tse di akaretsang diofisi tse mapodise a direlang mo go tsone, matlo boroko jwa badirelapuso, ba bo gape ba ngongoregela tiego ya kgokelo ya metsi mo malwapeng, gareng ga tse dingwe.

Fa a konetelela mabapi le letshwenyego la tsela ya Tshesebe-Mosojane-Mulambakwena, monni mongwe wa Mulambakwena, Rre Alfred Morapedi o ne a kopa gore lephata la ditsela le tlhoafalele go nna le gopa tsela eo gangwe le gape fa go santse go emetswe gore e dirwe, a tlatsa ka gore tsela eo ga e koafatse dikoloi tsa beng fela mme e senya le tsa puso tota ka le tsone di dirisa tsela eo fela thata.

A re tsela eo e baka ditshenyegelo tse di seng kana ka sepe mo pusong ka e felela e dirisitse madi a a seng kana ka sepe go baakanya dikoloi tseo. Fa a ama tse dingwe tse di amanang le thuto, Rre Morapedi o ne a re go botlhokwa gore puso e tsenye leitlho palo ya baithuti e morutabana a le mongwe a lebaganang le yone, a re go le gantsi morutabana o fekeediwa ke palo e ntsi ya baithuti mme seo se felele se bakile gore maduo a bana a wele tlase.

E ntse e le kwa Mulambakwena,  modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Rodgers Madzambi fa a ntsha tekodiso ka ditlhabololo tsa motse, o ne a itela mo pusong gore motlakase o phatlaladiwe dintlheng tsotlhe tsa motse gore banni botlhe ba akole meamuso ya puso.

Rre Madzambi o tsweletse a kopa gore ba thusiwe ka go thiba mesele mo motseng wa bone ka e setse e tsena le mo malwapeng mangwe.

Banni ba metse eo ka bobedi ba ne ba kopa puso go sekaseka go oketsa dikatso tsa maloko a ditlhabololo tsa metse, ba tlhalosa fa maloko a komiti eo ba dira namane e tona ya tiro ya go tsamaisa ditlhabololo tsa metse.

Fa a araba mabapi le tsa metsi, modiri go tswa kwa komponeng ya metsi ya WUC, Mme Lesego Ikaneng o ne a tshephisa banni fa ba ikaelela go fefosa go isa ditirelo kwa bathong, go balelwa le gone go gokela baikopedi dipompo mo malwapeng.

O ne a tlhalosa fa ba tshwere ka thata ka jaana ba itebagantse le go baakanya go dutla ga diphaephe, mme a tswelela ka go kopa batsadi go ikitlaya ka thupana go duela sekoloto sa bone sa metsi go itsa tiragalo ya go felela ba kgaoletswe metsi.

E ne e rile go le pele mopalamente Butale a lekodisa banni ka tsa palamente e e fetileng mme a ba tshephisa fa a tlaa fetisetsa matshwenyego a bone kwa go lebaneng.

Mo godimo ga moo, mopalamente o ne a leboga banni ba metse eo go bo ba mo rometse kwa palamenteng, a re ka jalo ga a na go tsaya thomo ya bone motlhofo. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Mosojane

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 03 Feb 2015