Mhero o apesitse balemi kobo ka letshoba
18 Mar 2013
Kgosi ya motse wa Sesung kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng bophirima, Rre Tumiso Tsietso, o boletse mo thuto-puisanong e e neng e rulagantswe ke ba lephata la temo-thuo kwa masimong a Botlhoko bosheng gore, dijwalo tsa bone di tlhakaladitswe ke mhero o o sa laolesegeng.
Rre Tsietso o tlhalositse fa go tlhagogile mofuta wa mhero o o bidiwang tlolela a supa go re o mosha mo kgaolong eo, jaanong ba tshwenngwa ke gore ga ba itse gore ba ka o laola jang.
Kgosi o kopile ba temo-thuo go ba tswa thuso ka mhero oo, ka a re o bolaya dijwalo gape o borai fa o tlhagolwa ka o le mmitlwa e mesesanyane, e e tsenang le mo matlhong.
A re mhero o mongwe ke motlho, o le one o kgoreletsang dijwalo go gola.
Molemisi wa kgaolo eo, Mme Neo Babeile, o ne a tlhalosa maikaelelo a thuto-puisano eo, mme a supa fa ba lemogile fa go na le mefuta ya mhero e e tlhasetseng kgaolong eo, e balemi ba sa tlhaloganyeng gore ba ka e lwantsha jang go babalela dijwalo tsa bone.
O ne a ba tlhalosetsa gore thutopuisano eo e tlaa ba tlhatlhelela kitso, a bo a ba kgothatsa go ntsha megopolo ya go lwantsha mhero.
O tlhalositse gore mhero o wa tlolela, o simologile kwa lefatsheng la Namibia, peo ya one e itshwarelela mo leruong ka mmitlwa mme o kgonne go anama ka bonya ka bonya, a tlatsa ka gore le mo diaparong o kgona go itshwarelela, ka jalo o aname.
Mme Babeile o tlhaloseditse balemi gore mhero eo, e ka lwantshiwa ka go tshela botlhole kana go lemolola pele ga go jwala.
O kaile fa go lema ka ditselana le gone go le molemo ka mhero o ka tlhagolega motlhofo.
O gwetlhile balemi go nna ba loma balemisi tsebe ka dimela tse ba di bonang mo masimong a bone ba sa di tlhaloganye nako e sa le teng gore ba kgone go bona thuso go ise go etegele pele. Mokwalela khansele potlana ya Letlhakeng, Rre Tshoganyetso Leuwe, o kopile balemi ka ene go dirisanya thata le balemisi.
O tlhalositse gore balemi ba sa ntse ba ganeletse go temong ya kgaso ka seatla le ntswa malatsi ano e sa ba busetse. O ne a ba gwetlha go lema ka mekgwa ya segompieno ka go siametse dipula tse di boutsana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boikobo Keboetetse
Location : LETLHAKENG
Event : Thuto-Puisanyo
Date : 18 Mar 2013






