Maleshe o ikemetse ka dinao
02 Feb 2015
Maleshe ke motse o monnye o o kwa thoko mo kgaolong ya Kgalagadi, wa batho ba palo e potlana. Ditlhabololo le magasigasi ke dilo dingwe tse go itsegeng di se dintsi mo motseng o.
E re le ntswa go ntse jalo banni, ba motse o ga ba ikutlwisiwe botlhoko ke letlhoko la ditlhabololo ka ba tlhaloganya seemo sa itsholelo sa lefatshe se se leng kwa tlase, e bile ba leboga mmopi wa lefatshe ka tsa tlholego tse a ba di abetseng mo motseng wa bone.
Go lemoga tiro e ntle ya Modimo go bo a ba file di tsa tlholego, banni ba Maralaleng ba dirisa di tsa tlholego go tlhabolola le go ntlafatsa motse wa bone. Mme Susan Mokate wa dingwaga tse 64 ke mongwe wa ba ba dirisang ditsompelo tsa tlholego jaaka mmu,go aga le go kgabisa matlo.
Erile mmegadikgang Johannah Martin a mo etese bosheng o ne a kgatlhantsiwa ke mlotsana wa moopelo o o monate,a reetsa a natefelelwa,kante senatla se thinkgetse o phepafatsa lelwapana.
“Ke jaaka o mpona ngwanaka go hetlhegile ke besaga,ke busy le lapana je lame je ke a le konomaka gore go bonale gore setshidi se teng mo jarateng e”Mme Mokate revealed.
Fa o tsena ka lelwapa la ga Mme Mokate o kgatlantsiwa ke mekgabisa ka go farologana e e dirilweng ka tsa tlholego,mme o fitlhele le sesupo sa gore ngwao e somaretswe mo lelwapeng le, ka le reflect ngwo ya Setswana.
Kwa matlong a boroko go nale ntlo e kgolwane ya ditena,matlo a le mararo a a ikemetseng a mmu,segotlho le lelwapana le le bulegileng.
Fa a botsoloswa ka bontlenyane jwa lelwapa la gagwe,Mme Mokate o kaile fa a aga ebile a kgabisa matlo a gagwe ka mmu,a supa fa gape a dirisa matlhaku le dikgong go kgabisa.O ne a tselela atlhalosa fa a tsaya ditsompelo tsa gagwe mo tikologong ya gagwe.
Fa a botswa gore o gwetlhilwe ke eng gore a bo a le dira tiro e,Mme Mokate a re o tshotswe e le mosadi a le nosi fa gare ga borre,mme go goleng ga bone o ne a bona malwapa a mabapi a kgabisitswe e le kwa ga bone fela ka mmagwe o ne a imelwa ke morwalo wa tiro ya mo lwapeng le kwa sakeng.Sekgantswane se sa re se, se ne sa mo gwetlha gore a ithute go kgabisa lelwapa le go aga matlo a mmu.
“Ke ne ka ithuta go kgabisa gore kwa ga rona go tshwane le kwa malapeng a mangwe gore ere bana ba dijarata tse dingwe ba ikgatla ka bontle jwa malwapa a bone le nna ke bo ke le fela mo maemong a bone ke ikgantsa le nna”,she revealed.
Susan Mokate a re se sengwe se mo rotloetsang gore a age matlo a mmu gape a kgabise ke gore o rata dilo tsa tlholego,ebile fa a di bona oa di kgatlegela a bo a lekeletsa go di dirisa go kgabisa,a kaya se ele tsela nngwe ya go lemoga tsa tlholego gape ele go lemoga le go leboga Mmopi go bo a tlhodile dilo tsa go tshwana le tse.
The 64 old a re o motlotlo ka tiro e ya gagwe ka e mo fa tshono ya go tlotlomatsa le go somarela ngwao.Ntleng ga moo o kaile fa go aga matlo a mmu le go a kgabisa go mo thusa gore lelwapa la gagwe gore le nne le le phepha le kgabe mme ka jalo le nne le seriti sa lelwapa le le tshwereng ngwao le setso tsa setswana.
Mme yo o kaile gape fa tiro e ya gagwe e le motlhala mongwe wa khumo,a supa fa a tseneletse dikgaisano tsa ga Tautona tsa botaki le bodiragatsi ka matlo a a gagwe mme a nna mofenyi ngogola le monongwaga,mme a ikgapela dikete tse pedi kgaisano nngwe le nngwe.O tlhalositse fa a ne a dirisa madi go ithekela dilwana tsa ntlo le podi e e setseng e tsetse e ikoketsa.
E re le fa tiro e ele mosola thata mo go mme Mokate,a re e nale dikgwetlo te di akaretsang bokoa jwa botsogo,jo mme yo a supileng fa a nale bothata jwa go tshwenngwa ke seatla mme se se mo kgoreletse go dira tiro ya gagwe ka nako.
Bokgakala jwa kwa a tsayang mmu teng ebong kwa pane ya Lotlhakane,dikhilometara di ka nna masome mararo le gone ke kgwetlho mo go mme Mokate,ka are se se mogwetlha gore a tlhotlhore dipata tsa gagwe a tshele leokwane gape a thape batho ba ba mo load mmu.
Susan Mokate ga a kgale go bua ka lorato lwa gagwe mo tirong e,ebile o eletsa go rutuntsha ba bangwe gore le bone ba kgone go bona dikatso tsa dikgaisano tse a kileng a di tsenelela gape le gore ba nne le seabe mo go tlotlomatseng le go somarela ngwao.
Le fa go ntse jalo are batho bogolo jang banni ba motse wa gagwe ga supe ba nale kgatlego ya go ithuta tiro e,ka jalo mo bogompienong o ruta bana ba gagwe fela.
Keletso le toro ya ga mme yo,ke gore ba tshwaragane le ba motse wa gagwe ba abelane dikitso tse di amanang le tiro e ya gagwe mme ba age cultural village e e tla busetsang the community gape e oka le bojanala thus contributing in itsholelo ya lefatshe.
Godimo ga mmo,o supile fa go aga cultural village go ka ba fa tshono ya go nna le seabe mo go fitlheleleng letshego la tebelopele ya 2016 ya go nne Sechaba se se motlotlo (proud nation). BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Johannah Martin
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 02 Feb 2015






